Ba BORAVAST ba kopiwa go tlotla kgotla
17 Jun 2015
Kgosi wa Vaalhoek Kgosi Marea Bock o ngongoregile ka banana bangwe ba metse ya BORAVAST ba ba sa tlotleng kgotla ka go apara marokgwe fa ba ya kgotleng.
Kgosi Bock o buile jalo ka Matlhatso (03/06/2015) mo tswalong semmuso ya letsholo la malatsi a le lesome a ba lekalana la Men Sector la go gasa melaetsa a ya HIV/AIDS, go nwa bojalwa phetelela le tse dingwe.
O ne a supa fa kgotla e le lefelo le le tshwanetseng go tselwa kwa godimo le go tlotlwa ka e le la therisano le go lere kagiso mo setshabeng.
Kgosi Bock o ne a supa fa ngwao e le botlhokwa mme e tshwanetse go fiwa seriti gore e seka ya nyelela e kaya fa batswana ba tshwanetse o gata le go kopa se batlapele ba lefatshe leno ba neng ba se dira bogologolo.
O ne a bua a menne phatla ka banana bangwe ba ba itontelang dinotagi le tsosa medumo a supa fa seo se supe fa ba na le boikarabelo mo metseng ya bone ya BORAVAST.
Fa a bua le ba lekalana la dikgang la BOPA modulasetilo wa lekalana la borre le le okametseng a mangwe mo lefatsheng leno Rre Tlhakakulagae Onkokame o tlhalositse fa mo malatsing a le lesome ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone a go gasa molaetsa mo banning ba metse eo.
Rre Lenkokame o kaile fa ba ne ba remeletse thata ka go ruta le go gasa molaetsa mo dikgannyeng di akaretsa tiriso botlhatswa ya nnotagi, mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS, molao wa bana wa 2008 ka go etela dikole di karetsa sa Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam go simolola ka lokwalo lwa bone go fitlha mo go la bosupa.
O kaile fa go le botlhokwa gore bana ba rutwe ba sa ntse ba le bannye mo dikgannyeng di tshwana le tseo ka seo se ka thusa mo go goleng ba tlhaloganya ebile ba na le kitso.
Modulasetilo mogolo o ne a tswelela ka go kaya fa ba ne ba ama gape dikgang di tshwana le go ruta banni ba metse eo ka kgokgontso ya bomme le bana, malwapa aa thubegang ,tsa tlhakanelo dikobo,le tse dingwe.
Fa akgela mo dithutong tseo mongwe wa banyalani ba ba neng ba itshupa e le sekao mo go ageng lolwapa lo lo nang le kagiso Rre Petrous Bock o ne a kaya fa ba itumeletse dithuto tseo ka di ba rutile go le gontsi le gore ba tla tswelela ba gakolola le banyalani ba bangwe ka se se ka thusa thata mo go ageng malwapa aa tiileng ebile a itsetsepetse.
Go le pele fa a tswala semmuso letshololo leo sebui sa tlotla sa letsatsi leo mothusa molaodi mo kgaolong ya kgalagadi Mme Peggy Kutlase o ne a rotloetsa le go gwetlha banni ya metse eo go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo le go di diragatsa.
Mme Kutlase o ne a supa fa kgosi ya motse oo kgosi Bock a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa bone mme a ba kopa go fetoga mo go nweng bojalwa phetelela le go tsosa medumo mo metseng ya bone.
Mothusa molaodi o leboga thata ba Men Sector ka tiro e ntle e ba e dirileng mo kgaolong ya kgalagadi ka ba segile tema mme a kopa mongwe le mongwe le setshaba kakaretso go ema ka dinao ka go tsaya boikarabelo ka seo se ka tlisa phetogo mo matshelong a bone ka go nna le botsogo jo bo siameng.
O ne a ba gwetlha go tshwaragana ka go nna seopo sengwe e le tsone tse di ka ba kgontshang gore letsholo leo le atlege jaaka maikaelelo a ba lone e le go tshwarwa ngwaga le ngwaga.
Fa akgela mo go tsa metshameko e ee neng ya tshwamekwa ee aretsang kgwele ya diano ya borre le bomme, bolotloa le mabelo a dipitse Rre Petrous Vraay modulasetilo wa komiti ee rulaganyetsang mabelo a dipitse o ne a supa fa e tsamaile sentle le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka barotloetsi ka se se dirile gore ba nne le palo ee kwa tlase ya dipitse tse di tsenelelang dikgaisano ka ntlha ya letlhoko la madi mo ngwageng ono.
O ne a kopa kemonokeng mo dikomponeng tse di ikemetseng, bagwebi, puso le setshaba ka kakaretso ka seo se ka thusa thata mo o godiseng dikgaisano tseo tsa dipitse gore di nne mo seemong se se kgatlhisang jaaka mabelo a dikgaisano a dipitse a mangwe.
Rre Vraay o ne a kaya fa gape barui ba palelwa ke go tlhokomela dipitse tsa bone gore ba kgone go itepatepenya le tebego ee batlwang mo dipitseng ka ntlha ya dijo tse di ba turelang ka ba di ba di reka kwa lefatsheng la Afrika Borwa.
O kaile fa ba lebannwe gape ke digwetlho tsa go agelela lebala la mabelo a dipitse le gone go aga matlo a boithomelo ka seo se ka ba thusa mo direng letseno la madi le le botoka ka ba felela ba sa dire madi mo kgwaraneng mo dikgaisanong tseo.
Mo ngwageng ono o kaile fa dikgaisano tseo di ne di tseneletswe ke dipitse fela dile lesome le bobedi ka palo tse di karetsang letsopa la Tswana Breed, Cross Breed le Through breed.
Rre Vraay o ne a tlatsa ka go galaletsa ba khansele ya kgalagadi ka ba ba gopela lebala go baakayatsa dikgaisano, lekalana la boree la Men Sector ka thotloetso e ba e dirileng ya go abela bafenyi ba dipitse mo mabelong aa farologanyeng aa neng a tabogwa mo dikgaisanong tseo a akaretsa 600m, 800m le 1 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Letsholo la Men Sector
Date : 17 Jun 2015






