Breaking News

Dikopo tsa metsi di dintsi

16 Jun 2015

Tona wa Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila, o tlhalositse fa dipalo tsa batho ba ba ikopelang go gokelelwa metsi mo malwapeng di ile kwa godimo.

O buile se ka Labotlhano  fa a tsibogela matshwenyego a baagi ba  Maunatlala a gore koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation e tsaya lebaka go ba gokelela metsi ntswa ba sale ba dueletse ditirelo tseo.

Baagi ba koo ba re seemo se se kwa godimo fela thata, ba supa gore (seemo) sene se seyo fa ditirelo tsa metsi di santse dile kwa dikhanseleng .

Rre Mokaila o tlhalositse fa dikopo tsa go gokelelwa metsi di oketsegile thata ka gore ka nako ya ditirelo tseo di le kwa dikhanseleng thwathwa ya go gokela metsi e ne ele kwa godimo.

A re ka nako eo, batho bane ba ithekela didirisiwa tsa kgokelo metsi ,le one madi a go gokelo a ne a le kwa godimo.

Rre Mokaila a re ka mo nakong eno batho ba sa ithekele didirisiwa tsa kgokelo ebile le dithwathwa tsa go gokela metsi di fokoditswe batho ka bontsi ba kgona duelela ditirelo tse.

Mookamela kgaolo ya Palapye le Mahalapye mo koporaseng ya Metsi, Mme Daphne Motsumi le ene o ne a supa fa e le boammaruri ba tsaya lobaka go gokelela baikopedi metsi a re dipalo tsa bone di a ba hekeetsa mo ebileng ba kgona go kopa bangwe gore ba ikepele mesele.

A re se se diwa ke gore madi a kgokelo metsi a ko tlase.

Fa a tsibogela matshwenyego a banni ba koo, a gore ba reka dikarata tsa metsi ‘tokens’ kgakala o ne a tlhalosa fa ba na le thulaganyo ya gotla mo motseng moraga ga dikwedi tse tharo go rekisa dikarata tseo ,ka jalo a rotloetsa morafhe go reka dikarata tse di fetsang dikgwedi tse tharo.

Le fa go ntse jalo, Mme Motsumi a re fa dikarata tsa metsi di ka fela pele ga dikgwedi tse tharo di wela ba(morafhe) ka bua le boeteledipele jwa motse jaaka mokhanselara ba bo ba ikwadisa kwa mo go ene mme a bue le bone gore ba dire thulaganyo ya gotla go ba thusa pele kgwedi tse tharo tse ba di ipeetseng di wela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Lerala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2015