BCL e abetse Mosetlha madi
16 Jun 2015
Moepo wa BCL o abetse sekolo se segolwane sa Mosetlha mo kgaolong ya Bobonong P10 000.
Mogolwane wa maranyane (communications manager) wa moepo wa BCL Rre James Molosankwe o ne wa aba seo ka mafelo a beke mo kgaolong ya Bobonong, a supa fa gole maleba go abela sekole seo madi ao sena le kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa.
O boletse fa tlhaelo ya didirisiwa mo dikolo e bakwa ke letlhoko la madi,o ne a rotloetsa dikhamphane go thusana le puso ka e le esi ga ekake ya kgona ka ba monakong ya godirisa maranyana a segompieno, mme se se botlhokwa ke gore bana ba bo baithutile mo dikolong pele baya gobereka bana le kitso ya godirisa maranyane.
O tlhalositse fa mo kgweding tse pedi tse difitileng moepo wa BCL e ne ya abela sekolo se se botlana sa motse wa Lepokole ditilo dile masome a mane le botlhano(45) ka seemo bana ba sekolo seo sene sengomolapelo, ka bana bane kwala bantse fatshe go sena ditilo kwa sekolo.
A re setlhogo sare loeto goitsetsepela ka tshwaragano e e nonofileng gofitlhelela maduo a mantle mo dithutong.
O ne a supa fa se se botlhokwa ke go aga ban aka kgwele ya dinao,e ka isa lefatshe leno kwa makalenkaleng ele ka kgole ya dinao le tse dingwe.
E ne yare a bua ka ditso tsa moepo wa BCL o simologile ka ngwaga wa 1959 o tlhamiwa ke kgosi Tshekedi,bane basa batle gore o bidiwe ka leina la ope.
A re ka nako e o tlhamiwa o ne o bidiwa RST emetse Rasebolai, Seretse, Tshekedi.
Rre Molosankwe a re batsile metlhale ya gore moepo wa BCL o seka wa tswalwa ka matlapa a atswang kwa Mpumalaka kwa South Afrika,a tlatsa ka gore mo bogaufing batlaabo ba bula moepo kwa Lepokole.
O ne a rotloetsa bana gotlogela dilo tse dika bagogelang motlhaelong,jaaka lefoko lengwe gotwe bokalachane, le gotsiediwa ke batho ka megala ya lotlheka tse diloitsang go ithutang.
Ntlha enngwe o ne a rotloetsa batsadi gosireletsa bana ka go ba aga,a supa fa mobogau tona wa itshireletso molao le tlhokgamo Rre Kgathi o ne abua ka dipalo tsa bana ba batlogelang dikolo a re dingomolapelo.
Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Mosetlha Mme Zibanani Legwaila a tlhalosa dikgwetlho tse ba kopanang letso ke bana ba banna ba le esi batsadi bale kwa masimo, mo gopateletsa gore ngwana yo mongwe mogo bone a tlhokomele yo mongwe kwa bofelong gonne le kgwetlho ya gore bana baime bakeng la gonna bale nosi.
Mme Legwaila o tlhalositse fa gotse goimile bana bale bararo gosimolola ka kgwedi ya Herokgong gotsena Seetobosigo mono ngwaga.
O ne a supa bana le dibalamakgolo dile masome a mabedi tse disa berekeng, a tlatsa ka gore thuto ya gompieno e tlhokana le maranyane .
A re sekolo seo sena le barutabana bale 54 le badiri bale 22 a tlhalosa fa bana le kgwetlho sekolo se tsweletse ka go gapa maemo a ntlha mo go tsa kgwele ya dinao le tse dingwe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa sekolo seo Rre Twice Sekgwama a gwetha bana go emisa go ya Dibareng le go kopa ba moepo wa BCL go bathusa ka dibalamakgolo goitepatepanya le thuto ya nako e no. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Kabo ya mpho
Date : 16 Jun 2015






