Kgosi o kopa morafe go fudusa leruo
16 Jun 2015
Kgosi wa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Edwin Ramokobetwane, a re ga a itumelele leruo le le sailang mo motseng.
O buile seo mo phuthegong ya kgotla e a neng a e biditse go lekodisa banni ba motse wa gagwe ka matshwenyego a a lemogang.
O ne a supa fa a sale a kopile barui go isa diruiwa tsa bone kwa masimo le merakeng. O ne a supa gape fa loruo leo le leswefatsa tikologo le go baka tshenyo mo malwapeng a batho. Kgosi Ramokobetwane o supile gape fa a tshwenngwa ke batho ba ba sa somareleng metsi.
A re batsadi bangwe ba roma bana kwa dipompong mme bana ba tshameke ka metsi. Kgosi Ramokobetwane o ne a supa fa gona le dikgang tse dintsi tsa borukhutlhi tse di bakiwang ke ditagi.
O ne a kopa morafe go ba loma tsebe ka batho ba ba rekisang ditagi di akaretsa motokwane. A re ditagi di ka felela di baka malwetsi mo mothong. Kgosi Ramokobetwane o a supile fa borukhutlhi jwa leruo bo ile magoletsa.
O kopile batsadi go se letlelele borukhutlhi. O tshwentswe ke batho ba ba inyadisang. A re fa go bontsi jwa batho ba nna ba sa nyalana ba bo ba reke dilwana tsa motse mmogo le go nna mmogo ba tshotse bana.
O kaile fa seo se sa siama. O supile fa seo se ba tsenya dingalo ka nako tsa dintsho. O kaile fa batsadi ba mongwe bat la lwela dithoto ka go ne go sena setlankana sa lenyalo.
Kgosi Ramokobetwane o ne a supa go nna ga batho ba sa nyalana go feleletsa go dira gore batho ba bolaane kana mongwe a ikgapele botshelo. O ne a ba kopa go ithotloetsa go phepafatsa dikgotlana tsa bone.
Kgosi o ne gape a kopa banni ba motse oo go dirisana go sa kgatlhelesege ka letso la bone. O ne a kgala semorafe se se diragalang mo motseng a sa kgwe mathe.
O ne gape a kopa banni go kwadisa ditlankana tsa dintsho le go bega dintsho kwa kgotleng. O ne a tswelela ka go kopa banni ba motse oo go direla bana omang ga ba tlola dingwaga tse di lesome le borataro le go ba direla ditlankana tsa matsalo.
Fa ba kgwa Kgosi dikgaba Rre Motlapele Kukama o supile fa letlhoko la metsi le sa ba itumedise. O kaile fa go bereka dipompo tse pedi mo motseng se se bakang gore gore ba kgotlhaganele kwa dipompong tseo.
O ne a supa fa dikgang tsa batho b aba nnang ba sa nyalana e tlhokana le go neelwa dikgosana gore ba e rute kwa dikgotlaneng go fema dikgang tse dintsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jun 2015






