Bogodu bo dia kgokelo ya motlakase
16 Jun 2015
Maiteko a khansele a go phatlalatsa motlakase kwa ditsheng tse disha tsa Mekorong kwa Selebi Phikwe a itaa sefololetse ka magodu a inaakantse le go utswa megala eo bosigo.
Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba e bile e le tona ya dikago le boranyane, Rre Nonofo Molefhi, mo diphuthegong tsa kgotla tsa kgaolo eo kwa Ikageleng le Botshabelo.
Tona Molefhi o ne a tswelela a re go itepatepanya le seemo se, ba tsere tshwetso ya gore ba gagamatse itshireletso ka go baa ba sepodise ko lefelong leo ka go baa dikago tsa nakwana go leka go fema seemo seo le gore a maiteko a khansele a atlege ka go dirisiwa didikadike go reka megala eo le go duela rakonteraka go gokela.
Mo go tsa leruo le le gobeang mo toropong, tona a re puso e mo tseleng ya go fetola molao motlheo ka go lebega tlhwatlhwa e e lopiwang barui fa dikgomo tsa bone di gapilwe e le ko tlase mme seo e le ditshenyegelo mo khanseleng ka madi a dirisiwang go tlhokomela leruo la bone a kabo a dirisiwa mo go tlhabololeng matshelo a Batswana.
Mo go tse dingwe tona o tlhalositse fa didirisiwa tsotlhe tse di tlaa bong di dirisiwa go apaa maungo le merogo (drying and pickling) mo madirelong Horticulture Processing Plant a agiwang mo Selebi Phkiwe, di gorogile e bile le badiri ba setse ba rutuntshitswe.
Tona Molefhi o kopile morafe go ikitaa ka thupa go inaakanya le tsa temo gore e sekaya re kamoso madirelo ao (Horticulture Processing Plant) e bo e tswetswe ka lebaka la go tlhoka maungo a a ka dirsiwang.
Mopalamente Molefhi o tsweletse a tlhalosa gore ba lemi ba ba lemang gaufi le noka ya Motloutse ba tsenyetswa motlakase e le maiteko a go rotloetsa temo ka ke yone e ka ntshang lefatshe mo lehumeng.
Mo go tse dingwe Tona Molefhi o ne a bolela fa madirelo a go nyerolosa tshipi le yone a tsweletse sentle. E bile a re madirelo ao a tile go tlhapa Batswana ba le sekete go ya ko diketeng tse tlharo. Mme Mopalamente o ne a kopa setshaba go ela tlhoko dithoto tsa bone ka bogodu jwa megala ya metlakase le dilo tse dingwe tse di dirilweng ka detshpi bo tlile go gola..
Tona Molefhi a re maikaelelo a puso ke gore e tsosolose bokamoso jwa toropo ya Selebi Phikwe. a tlhalosa gore rakonteraka yo o tlhabololang lebala la difofane o setse a simolotse tiro a re se tlaa thusa mo go tswakanyeng mefuta dikago tse di agiwang mo Toropong ya Selebi Phikwe.
Tona o ne a tswelela a re ke maikakelelo a puso ke gore konteraka ngwe le ngwe e seng ya mo Botswana ga e neetswe tiro e e tona ya go aga, e neele di konteraka tsa Batswana selekanyo sa diphesente tse masome a mararo go dira ditirelo mme seo se tla nonotsha dikonterka tsa beng gae.
Tona o ne a wetsa ka gore molao wa bo radikitso tsa boranyane, o fetotswe ka kgwedi ya Moranang a tlholagangwe gore mongwe le mongwe yo o feditseng dithuto tsa gagwe mo go tsa kitso le boranyane (Engeeneering and Artitechure) a ikwadise mo makgotleng a tsa dithutego tseo jaaka ba molao le ba botsogo. ENDS
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse le Gaone Busang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 16 Jun 2015






