Breaking News

Seemo sa dipilisi se tlaa tokafala

16 Jun 2015

Tona wa botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re o tla a leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya dipilisi tsa madi a matona mo dikokelong le dikokelwana.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bosheng, Mme Makgato o boletse fa kgang ya tlhaelo ya dipilisi e tshwenya fela thata mme e le nngwe ya dikgang tse di mo tafoleng ebile a di tsaya ka mashetla go bona tharabololo.

Mme Makgato a re o lemogile fa go na le mofuta mongwe wa dipilisi tsa madi a matona o o nang le dingwaga tse dintsi o dirisiwa mo lefatsheng leno mme lefatshe ka bophara le sa tlhole le di dirisa. Ka jalo a re go nna thata gore lephata la gagwe le kgone go di reka kwa di dirwang teng ka e se gantsi di dirwa.

Mme Makgato o boletse fa a ne a tsaya tshwetso ya go kopana le bagolwane ba bongaka mo lephateng la gagwe gore ba sekaseke gore a dipilisi tseo di ka se fetolwe mme tsa emisetswa ka tse di nang le motswako o o tshwanang le tse di ntseng di dirisiwa gore di kgone go bonwa motlhofo.

A re o na le tumelo ya gore seemo sa dipilisi tsa madi a a kwa godimo se se tshwentseng thata se tla a tokafala. O tsweletse a re tshwetso e nngwe e a neng a e tsaya ke ya gore dikokelo ka bongwe ka bongwe di kgone go nna le madi a a kwa thoko a se kalokalo a go reka melemo kana dipilisi golo gongwe fa ba ka di bonang teng fa di fedile mme go santse go emetswe gore di rekiwe ka letlole le letona la theko.

A re kgang eo e tla a thusa gore balwetsi ba kgone go bona melemo kana dipilisi le fa go santse go emetswe gore ba ba di rekang ka letlole la madi le letona ba kgone go di reka.  Mme Makgato yo ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami o ne a itsise banni gape gore o ne a tsaya tshwetso ya gore dikokelo le dikokelwana di nne le madi a a ka baakanyang dikago fa di senyegile mme di sa senyega mo go kalokalo.

A re go tlaabo go dirisiwa bana ba ba nang le boitseanape mo motseng go baakanya dikago go na le gore go tsewe tsela e telele ya go baakanya tshenyego le fa e ne e se kalokalo.

O ne a rotloetsa setshaba go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa sone. A re puso e dirisa madi a mantsi mo malwetsing a a tsenang motho mme a sena dikai. O ne a rotloetsa banni go nna ba itlhatlhobela malwetsi a tshwana le jwa sukiri, kankere le jwa madi a matona.

A re go a kgonagala gore molwetsi fa a na le bolwetsi jwa madi a a kwa godimo a kgone go tlogela dipilisi tse a neng a di dirisa fa a ka fokotsa mmele wa gagwe le go ja dijo tse lolameng. A re malwetsi a tshwana le jwa kankere a borai thata ka fa a setse a le mo legatong la bofelo go sena sepe se ba bongaka ba ka se dirang.

O boletse fa lephata la gagwe le rotloetsa gore bolwetsi bo kganelwe go tsena motho go na le gore bo tsene moth obo bo bo alafiwa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2015