Breaking News

Banana ba bonya go dirisa mananeo

16 Jun 2015

Tona wa lephata la ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re e re ka mmuso o thapolotse letsogo mo go thuseng Batswana ka lenaneo la ISPAAD le LIMID go tlhabolola seemo sa temo-thuo, go mo maruding a bone go tsaya temo-thuo ele kgwebo e ka ba inolang mo lehumeng.

A re go kgobisa marapo go bona Batswana, segolo jang banana, ba goga dinao go dirisa mananeo a mmuso le go tsena ka mmetela mo temo-thuong ntswa ele yone e ka tswakanyang itsholelo, go nyeletsa lehuma le go fedisa selelo sa letlhoko la ditiro gammogo le go emisa go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe.

Rre Maele yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala o buile mafoko a fa ane a simolodisa semmuso letsatsi la balemi barui ba kgaolo ya Mookane, le le neng le tshwaretswe kwa merakeng ya Rankgapane ka Matlhatso le rulagantswe ke Rre Thapelo Setlalekgosi, Rre Thebe Setlalekgosi, Rre Alpheus Mokgadi le Mme Phenyo Nthase.

Rre Maele yo a neng a patilwe ke mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso Rre Dikgang Makgalemele le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso, a re ere ka Batswana ba sa kgathegele temo-thuo ke sone se letseno la thobo mo dingwageng tsa gompieno le bonang 4 per cent gona le 40 per cent yo a neng a bonwa mo dingwageng tsa bogologolo.

O kgothaditse Batswana go tsaya temo-thuo ka thwaafalo le go e tsaya jaaka kgwebo ka ele yone ba ka e dirisang go ntsha dijo tse di lekaneng, go nyeletsa lehuma, letlhoko la ditiro le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno e e ntseng e ikaegile ka ditswa-mmung.

A re ere ka lefatshe leno le ikaegile ka temo-thuo, ke sone se mmuso o thusang Batswana ka lenaneo la ISPAAD le lenaneo la LIMID go tokafatsa seemo sa temo-thuo e bile a bolela fa mmuso o abela lephata la banana, metshameko le ngwao madi go rotloetsa banana go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go tokafatsa seemo sa matshelo a bone.

Rre Maele o rile ere ka dipula tsa gompieno dina ka boutsana e bile Batswana ba tlhaelelwa ke di dirisiwa tsa temo jaaka diterekere, megoma, dipolantara gammogo le go tlhaelelwa ke lefatshe, batho bangwe ba tsaya seo ele seipatlo sa go gana go lema ntswa motho mongwe le mongwe a beile botshelo jwa gagwe mo dijong.

O tsweletse ka go kgotlhatsa le go rotloetsa banana boora Setlalekgosi le boora Mokgadi gotsweng kwa Mookane go tswelela ka go tshwara dithuto tsa go nna jalo ngwaga le ngwaga gore ba kgone go abelana le Batswana ba bangwe dikitso tse di tseneletseng mabapi le go tlhabolola temo-thuo.

E rile Rre Setlalekgosi yo eleng mongwe wa barulaganyi ba letsatsi leo a tswa la gagwe a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo, le le neng le tsenwe ke balemi/barui go tsweng kwa lefatsheng la Africa Borwa ele go abelana megopolo le dikitso ka metlhale ya go tlhabolola seemo sa temo-thuo.

Rre Setlalekgosi o rile lefa ba kgonne go tlhabolola lefelo leo le ba ruetseng mo go lone le e kileng ya nna letlotla la batsadi ba bone,bane ba lebanwa ke kgwetlho e neng ya batla go ba kgobisa marapo fa ba lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye le lekgotla la kabo ditsha la ga mmangwato bane ba gana go ba abela lefatshe leo mo ba feletseng baya go fenya kgang ya bone kwa lekgotleng la ditsheko tsa lefatshe (Land Tribunal).

Bangwe ba dibui mo letsatsing leo, le le neng le rotloeditswe ka madi ke ba khamphane ya VIVO ENERGY ke kgosi Gaselemoge Molefhi wa Mookane le mopalamente wa Mahalapye Botlhaba mmaetsho Botlogile Tshireletso yo a neng a akgola botlhe b aba nnileng le seabe mo go rulaganyetseng tiro eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2015