Autlwetse o kopa katoloso ya sekole
15 Jun 2015
Mothusa Tona wa lephata la thuto le thabololo Dikitso, Rre Kgotla Autlwetse, a re o kopile lephata la temo-thuo go atolosa sekolo sa diatla sa balemi-barui kwa Serowe sa Serowe farmers brigade.
Fa a bua bosheng mo kgotleng ya Leina kwa Serowe, Rre Autlwetse o tlhalositse fa katoloso ya sekolo seo e tlaa dira gore bana ba amogelwe ba le bantsi mme ba dirisiwe ka nako ya temo le go thusa barui ka dikitso tse di rileng.
Thulaganyo e a re e tlaa thusa baithuti bao go ithutuntsha mo go duleng diatla ebile le balemi kgotsa barui le bone ba tlaa anywa boitseanape mo baithuting bao.
Rre Autlwetse o dumela gore thulaganyo e e ka tokafatsa thobo kwa masimo le thuo kwa merakeng, le go rokotsa kgatlhego ya banana mo go tsa temo-thuo.
A re kgabagare ba ka itlhamela ditiro mo mohameng wa temo-thuto le go hira ba bangwe.
Fa a itebaganya le ba-na-le-bogole, Rre Autlwetse yo ebileng e le mopalamente wa Serowe bokone a re ba-na-le-bogole ba ba sa kgoneng go itirela sepe ba tlaa fiwa makgolo a mararo a dipula ka kgwedi le dijo tse di lekanang le tse di fiwang bathoki.
Ba-na-le-bogole bao, a re ba tlaa thusiwa morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng.
Fa dikgang di eme jalo, banni bangwe ba kgotla ya Leina ba ne ba supa fa batho ba ba tsayang bana ba ba nang le bogole ba re ba ba latele kwa tsela ya sekontere e simololang teng eseng kwa malwapeng. Mongwe wa ba ba supileng matshenyego a, ke Mme Lefufu Nkoloi yo o supileng fa bakgweetsi ba bana bao (ba ba nang le bogole) ba ba isa kwa sekontereng phakela le phakela pele ga nako ya borataro.
Fa a tsibogela matshwenyego a, mokwaledi wa khansele-potlana ya Serowe, Rre, Odirile Mabaila a re dikopo di tlaa neelwa ba ba lebaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Botshelo
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jun 2015






