Breaking News

Boletlanyi bo botlhokwa

15 Jun 2015

Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, o galaleditse thulaganyo ya go akaretsa boletlanyi mo maphateng a bodirelapuso gammogo le mo dikoleng tsa jone. 

E rile a bua kwa go tlhomiweng ga moletlanyi wa sekole sa bodirelapuso (BPSC) kwa Tlokweng bosheng, Kgosi Puso a bolela fa thulaganyo e e tswa goolowe e dirisiwa e bile e tlwaelesegile mo setswaneng.

A re tiro e e masisi e bile o itumelela gore e bo e tsene mo bodirelapusong le mo dikoleng, a tlatsa ka gore e rotloetsa ngwao ya Setswana.  Kgosi Puso o supile fa e gakolola dingwao tsa Setswana e bile e supetsa Batswana gore ngwao e aga motho jang. 

O tlhalositse fa go le botlhokwa go rarabolola mathata mo lapeng pele ga di ka isiwa kwa dikgotleng tsa ditsheko fa e le gore di padile mo lapeng.

O kaile fa kgosi e le botshabelo, pilara ya setshaba a kgothatsa bodiredi gore bo ikanye fa ba na le mathata e bile kgosi e thusa ba ba ithusang gore ba nne le kutlwisisano fa ba na le mathata.

Kgosi Puso o tlhalositse fa botshelo jwa Setswana bo ikaegile ka gore a motho o a itlhaloganya a bo a itlotla, o na le tirisano mmogo mo bathong a re dilo tse ke tsone di tlhalosang se motho a leng sone mo setshabeng.

O tlhalositse fa dikgang tsa botagwa go tlhoka go apara sentle go tsena morago ga nako mo tirong di le teng jaanong go tlhokana le motsadi yo o ka gakololang ka jalo go nna teng ga moletlanyi go le maleba.

O ne a gakolola moletlanyi yo o neng a tlhomiwa Rre Ditshotlo Mangadi gore o tlaa kopana le diemo tse di farologanyeng mo tirong e jaanong a nne boikobo pelotelele gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka tiro ya gagwe e tlaa bo e le go feela gore go nne le tolamo mo sekolong se sa bodirelapuso a tlatsa ka gore motho ke motho ka batho.

E rile a tswa la gagwe mookamedi wa lephata la (DPSM) Mme Ruth Maphorisa a galaletsa mogopolo o wa go akaretsa boletlanyi mo maphateng a puso le mo dkoleng tsa jone a tlatsa ka gore Setswana sa re susu ilela suswana gore le ene a tle a go ilele ka jalo thulaganyo e e tlaa thusa go aga tshaba e e nang le kutlwano e bile e ipelafatsa ka se e leng sone.

O tsweletse ka go tlhalosa fa sekole se sa bodirelapuso (BPSC) e se sa dithuto fela e le sa go aga bodiredi jo bo nang le botho mo tshabeng e ba e direlang.

O tsweletse ka go supa fa ntwakgolo e le ya molomo ka jalo fa go na le mathata mo lapeng go botlhokwa go ithuna dinta pele fa ba ka kopa thuso kwa ntle a tlatsa ka gore o eletsa fa maphata a mangwe a puso a ka tsaa malebela mo sekoleng (BPSC) mme mogolopolo o wa atologela kwa maphateng a mangwe.

Fa a tswa la gagwe moletlanyi yo o neng o tlhomiwa Rre Mangadi o ne a supa fa a itumeletse go bo a tlhophilwe go nna moletlanyi wa (BPSC). O ne a itlama gore o tlaa dira ka thata gore maitlamo a gagwe a atlege. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thusoyaone Sechele

Location : GABORONE

Event : Go tlhongwa ga moletlanyi

Date : 15 Jun 2015