Polao ya dikgomo e ba utlwisitse botlhoko
15 Jun 2015
Makhanselara a Bokone Bophirima ga a itumelele go bolawa ga dikgomo.
Ba buile seo mo phuthegong ya khansele e e faphegileng bosheng, kwa ba neng ba laleditse mogokaganyi wa tsa temo-thuo mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Obert Mabutho.
Makhanselara a tlhalositse gore ke barui fela ba ba palo nnye ba ba bolaetsweng dikgomo ke ba tsa matlhoko a leruo ba ba ileng ba ikopanya le bone.
Fa a tlhalosa, Rre Mabutho a re mo molaong wa tsa matlhoko a leruo wa ngwaga wa 1977, go ka fa molaong gore fa dikgomo di tsene mo terateng e e kganelang diphologolo tsa naga, di bolaiwe e le gone go leka gore di seka tsa anamisa bolwetse jo bo tshwenyang mo kgaolong eo ja tlhako le molomo.
O tlhalositse gore le fa go ntse jalo, bangwe barui ba ba bolaetsweng leruo ba kgonne go bonwa gore ba duelwe mme o tlhalositse fa lenaneo la tsa bokenti mo kgaolong le tsweletse fela sentle.
Mokhanselara wa Qangwa/Xaixai Rre Lelejwang Soke o ile a tshwaela gore molao oo o sekasekwe ka e le wa bogologolo.
E rile a mo tlatsa, mokhanselara wa Gumare/Tubu Bokone Rre Mpoke Karapo le ene a supa fa a sa jesewe diwelang ke ka mo barui ba tserweng ka teng mme a tlhalosa gore molao o sekasekwe ka o siilwe ke nako.
E rile ba tla kwa tshekatshekong e le khansele le ba temo-thuo, ba kopa gore go maleba gore barui ba itsisiwe ka kgang e gore ba kgone go tlhaloganya.
Makhanselara a ile a supa gore mo go ka thusa setshaba go itse le gone go tlhokomela leruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 15 Jun 2015






