Mapodisi a tlhotlhomisa leso
15 Jun 2015
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa kwa Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume a fitlhetsweng mo bodibeng jwa madi ka dintho tse di masisi.
Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, a re tiragalo eo e diragetse kwa Sebina ka Laboraro ka nako ya lesome le bobedi motshegare kwa go neng go hirisitse mme yoo teng.
Supt Halahala a re ba ne ba fitlhela mosadi yoo a rapaletse ka dintho tse di masisi mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Tutume kwa go ileng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
O tsweletse a tlhalosa fa ba tshegeditse rre wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro mabapi le tiragalo eo. A re ba belaela gore bobedi joo bo ka tswa e ne ele baratani. Setopo se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa mmelaelwa a santse a tshegeditswe.
Supt Halahala a re o tshwentswe ke dikgang tsa dipolaano tsa baratani tse di diragalang mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi, a supa fa e le tiragalo ya boraro morago ga dikgwedi tse tharo. O ile a kopa batsadi go tsibogela dikgang tse ba di begelwang ke bana ba bone tsa go tlhoka kutlwisano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 15 Jun 2015






