Dikgang tsa boagedi di masisi
15 Jun 2015
Kgosi Maruje III wa Masunga o supile fa dikgang tsa boagedi di le masisi thata, ka jalo go le botlhokwa gore ba ba amanang le tsone ba di tshware ka manontlhotlho..
O buile jalo kwa thuto-puisanong e e neng e tshwerwe ke ba lephata la tsa mesepele le boagedi bosheng go tsibosa dikgosi tsa kgaolo ya bokone botlhaba ka melao e e amanang le boagedi.
Kgosi Maruje III o kaile fa go le botlhokwa gore dikgosi le makalana otlhe a a amanang le dikgang tsa boagedi a dire go tlala ka diatla go dibela lefatshe leno ka go tlhomamisa gore ope yo o sa tshwanelwang ke boagedi jwa lone ga a bo fiwe.
A re go sa nneng keletlhoko mo go kelekeng baikopedi go ka digela lefatshe leno ka lemena, ga mmogo le gone go humanegisa batho ba lone ka jaana ba ka felela ba iphitlhela ba kgobokanetse meamuso ya lefatshe la gaabo le batho ba ba seng maleba.
Kgosi Maruje III a re metse e kile ya bo e na le fa e kwalang baeng teng fa ba goroga ka ba ne ba tlamega go ipega pele kwa bogosing pele ba ka dira sepe fela mo motseng.
O boletse fa selo se se ne se thusa thata mo go feng kitso ya gore ke batho bafe ba ba mo gae ba tota e seng ba motse oo.
Thulaganyo e, kgosi o boletse fa e ne e thusa thata, ka jalo maiteko a tshwanetse a dirwa go e tsosolosa.
Mogolwane wa lephata la tsa mesepele le boagedi mo Masunga, Mme Lindiwe Ngwenya o ne a tlhalosa fa dikgang tsa boagedi di le dintsi mo kgaolong ka ntlha ya fa e bapile le molelwane.
O supile fa ba itemogetse dikgang tse dintsi tsa bomme ba batswakwa e bile ba tshotse bana le borre ba Batswana mme ba ntse dingwaga ngwaga ba sena dipampiri tse di maleba.
A re bomme ba go nna jalo le bana ba bone ga bana dipampiri tsa itshupo di akaretsa karata ya Omang ka jaana seemo sa bone sa boagedi se sa tlhapa.
Mme Ngwenya o ne a supa fa dikgang tsa batho bao di tshwenya e bile di godisa dipalo tsa batlhoki ka batho ba go nna jalo ba sa kgone go ka batla mebereko ka ntlha ya go tlhoka dikwalo tsa itshupo.
Kgosi Bernard Mbalambi wa Mbalambi ene fa a akgela o kaile fa batho ba ba nnang mono ntle le dipampiri tse di tshwanetseng ba le bantsi, mme e bile bontsi jwa bone ba sa le ba ntse nabo mo metseng ya bone go tloga dingwaga tsa maloba.
A re go tshwanetse ga dirwa sengwe go thusa batho ba go nna jalo gore le bone ba kgone go tshela ka tshosologo ka go se gope kwa ba ka tlholang ba ya teng.
Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge ene o ne a supa ka monwana bao ba ba rweleng boikarabelo jwa go thusa batho ba go nna jalo, a re ga ba dire ka natla go bona gore seemo sa boagedi sa batho bao se a rarabololwa.
A re bangwe fa ba tshwanetse go thusa batho bao, ba nna dikgang tsa bone ka marago, a supa fa go sa fetisetseng dikgang kwa diofising tsa puso tse di maleba go diela batho ba ba amegang go bona thuso.
Le fa go le jalo, Kgosi Matenge o ne a boa a kgala bone ba ba amilweng ke dikgang tsa boagedi, a re ba na le go tlhakatlhakanya dilo ka go ikuela kwa le kwa.
A re bangwe e a re dikgosi di santse di tshwere dikgang tsa bone, ba ikuele gape kwa baeteledipeleng ba bangwe jaaka makhanselara le mapalamente, mme ba seke ba tlhalose fa ba ne ba setse ba ikuetse kwa go kgosi gore gongwe bagogi bao botlhe ba tle ba thulanye ditlhogo go ba batlela tharabololo.
Fa a tshwaela kwa bokopanong joo, modulasetilo wa khansele ya bokone botlhaba yo gape a leng mokhanselara wa Matsiloje Mme Florah Mpetsane o ne a gatelela botlhokwa jwa go tshwara dikgang tsa boagedi ka matsetseleko.
O ne gape a tlhagisa dikgosi go seke di letlelela tshenyetso setshaba le pipa-molomo go tlhagelela mo tirong ya bone, ka go supela batho ba ba sa tshwanelang go fiwa boagedi.
Mme Mpetsane a re go dira jalo go ka fa sebaka batho ba mafatshe a sele go tla go gopela itsholelo le go akola meamuso ya lefatshe leno e ne e sa ba lebana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Thuto-puisano
Date : 15 Jun 2015






