Maele o kgothatsa dikole go itsolopanya
14 Jun 2015
Fa tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele a lekola ba kgaolo ya gagwe ya botlhophi, o ne a bolela fa bogolo go tsotlhe a tshwenngwa ke maduo a bana ba dikole tse di mo kgaolong ya gagwe.
A re maduo a bana ga a nametse ka ntlha ya gore batsadi ga ba kgatlhegele tiro ya bana ba bone. A re mo dikoleng tsotlhe tse dikgolwane tse thataro mo kgaolong ya gagwe, ga go sepe se se fetileng 50 per cent.
A re se se raya gore fa dikole di ntsha bana ba maduo a a kwa tlase jalo, a go na go nna le baeteledipele ba motiya mo bokamosong go tswa mo kgaolong eo.
Le fa go ntse jalo, Tona o ne a re o itumedisitswe ke maduo a dikolo dingwe tse tlharo tse di botlana mo kgaolong eo.
O ne a leboga sekole se se botlana sa Moeng ka P3 000 e le sone se se kwa go dimo ga dikolo tsotlhe tse dibotlana mo kgaolong ya gagwe ka maduo a 2014.
Sese se latelang o ne a se fa P2 000, so ne e le sa Matlhakola mme a leboga sa maemo a boraro sa Ratholo ka P1 000.
Matshwenyego a mangwe e ne ya nna a letlhoko la metsi mo kgaolong ya gagwe le letlhoko la matlo a boroko jwa barutabana. Dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ka go farologana di ne tsa bega fa dikago dingwe mo metseng ya tsone di onetse ebile di batla go shaafadiwa.
Morafhe o ne wa amogela ko tsoopedi kakanyetso ya gore puso e tlaa simolola go atswa banalebogole ba ba senang boitiro ka P300 kgwedi le kgwedi mme bangwe ba ne ba ngongorega ba supa o kare puso e dirile tlhaolela ka go sa akaretseng banalebogole bangwe.
Fa a araba, Tona Maele o ne a re batho ba itumelele gore puso e leka ka bonnye jo e bo kgonang mo bogompienong mme mo tsamaong ya nako dilo di tlaa tokafala mme ba bangwe le bone ba akarediwe mo lenaneong.
Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lerala ene ya re ga e itomedisiwe ke molawana o mosha oo tsamaisang komiti o o letang gore motswa kwa o ka tlhophiwa go nna leloko la komiti.
Ya re molawana oo o ba baya ka fa mosing ka gonne baa bo ba sa itse mekgwa ya ene motho yoo.
Badula ditilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ba ne gape ba kopa gore dikgosana tsa bone di atswiwe.
Fa ba akgela ka tsamaiso e ncha ya molao wa matimela, morafhe o ne wa kopa gore bogolo dikgomo tsa matimela di isiwe lesakeng la matimela morago ga kgwedi eseng beke tse pedi kagore se se ka fa mong wa kgomo sebaka sa go e batla
Barui bane ba kaya gape fa kgomo ee nang le tshipi le letshwao e se letimela kagore ba tlhokomelo diruiwa ba ka dirisa letshwao la yone go latedisa mong wa yone.
Ka nako ya dikarabo, Mme Kgalalelo Maporati wa makgotla a Setswana one a gatelela mafoko a ga Tona are go tlaa atswiwa dikgosana dile makgolo a mabedi, masome a herabobedi le borataro mo lefatsheng lotlhe la Botswana.
O ne a tlhalosa fa mo kgaolong ya Lerala-Maunatlala go dule maina a dikgosana dile lesome le boraro fela.
Fa Tona Maele a fetola mafoko a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Lerala, Mme Moipoledi Matlhare, o ne a tlhalosetsetsa phutlhego gore batho ba motse ke bone ba ba nang le thata ya go tlhopha motho yoo.
O ne a tlhalosa gape gore ka gonne motho yoo a tshwanetse ke go bo a ntse mo motseng oo ngwaga tse pedi le go feta ebile a nale teta ee maleba ya bonno, phutlhego e ka mo tlhopha go nna leloko la komiti fa e legore e a mo itse ebile e mo tshepha.
Tona o ne a gakolola gore batho bangwe ba e seng Batswana ka letso ba na le dikitso mo mehameng ee farologanyeng ka jaalo ba ka solofela mosola dikomiti tsa ditlhabololo ka tsela nngwe
Fa a araba ka tsa dikgomo tsa matimela, Tona o ne are se morafhe o se kopang se ka se kgonege ka ntlha ya gore puso e leka go fokotsa ditshenyegelo ka go fokotsa dinako tsa go tshwara dikgomo tsa matimela gape go leletsa le go latedisa barui dikgomo tseo go ka baka ditshenyegelo tse dingwe.
O ne a rotloetsa barui gore ba reetse seromamowa mme ba tsibogele ka bofefo fa ba utlwa dikgomo tsa bone di umakiwa mo seromamoweng.
Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye Rre Goloswang Ramogala one a tlhalosa fa dikago tse di tlhokang go atloloswa le go tlhabololwa di le mo lenaneong ebile di tlaa baakangwa mo bogaufing.
A re sengwe sa dilo tse di neng di diile ditlhabololo tsa matlo ao e ne e le letlhoko la madi.
Baemedi ba maphata aa farologanyeng a puso ba ne ba solofetsa morafhe gore ba tlaa tokafatsa ditirelo tsa bone ka bofefu jo bo kgonagalang.
Ba ne ba kopa morafe gore o se ka wa emela diphutlhego go bega matshwenyego a one.
Mo dikopong tse dingwe, Tona o ne a solofetsa gore o tlaa di isa kwa palamenteng le ko matoneng a mangwe a puso aa maleba le dikgang tsa teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 14 Jun 2015






