Breaking News

Bogosi bo tshwenngwa ke dipolaano

14 Jun 2015

Bogogi jwa Shakwe mo kgaolong ya Mahalapye bo bolela fa bo sa robadiwe ke dipolaano tsa baratani tse di diragalang mo Shakwe.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng Kgosi Kenneth Mosarwa wa Shakwe o boletse fa dipolaano tsa baratani di setse di na le dingwaga di diragala mo motseng wa gagwe.

O boletse fa go nnile le dipolaano di le thataro mo Shakwe go tswa mo ngwageng wa 2010 go tsena monongwaga, o tlhalositse fa polao ya bofelo e diragetse ka Motsheganong ngwaga ono.

O boletse fa seemo seo se bakiwa ke gore bana ba motse ga ba ratane sentle ka gore ba tsisa borre go tswa mo metseng e e mabapi go tla go inyadisa mo matlong a batsadi ba bone mme ere mo tsamaong ya nako borre bao ba ba bolaye fa ba nna le dikgotlhang.

Dipolaano tseo o thalositse fa gantsi di diragala go sena go itseelwa nnotagi.

Kgosi Mosarwa o tsweletse ka go tlhalosa gore motse wa Shakwe o aperwe ke bothata jwa go itontela nnotagi, o tlhalositse fa banwi bangwe ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba felela ka go ikgatholosa kalafi (ARVs) e ba tshwanetseng go e tsaya malatsi otlhe ba tswelela ba a nwa majalwa, mme ba felele ba lathegelwa ke matshelo a bone, seemo seo o bolela fa se tshwenya tota.

Kgosi o tlhalositse fa ba lebaganwe ke mathata a bogodu jwa leruo mo motseng wa Shakwe bogolo jang dikgomo ka gore ke tsone tse dintsi mo motseng wa Shakwe le metse e e mabapi.

O boletse fa nama ya dingwe tsa dikgomo tse di utswiwang e felela e rekisiwa mo marekisetsong a nama mo Mahalapye mme dingwe tsa dikgomo di felela di fapaangwa mo merakeng e e dikologileng motse wa Shakwe.

O tlhalositse gore ntswa babelaelwa mo bogodung jwa leruo ba tshwarwa dikgang tsa teng ga di felele kgakala ka gore dilalome tseo di bolaya bosupi ka ntlha ya gore go le gantsi ditsheko tsa kwa ga mmakaseterata di tsaya lebaka di ntse di sekiwa.

Mo go tse dingwe Kgosi Mosarwa o tlhalositse fa mananeo a puso a nyeletso lehuma a amogetswe sentle mo motseng wa gagwe.

O tlhalositse fa go na le batho ba le bantsi ba ba ikopetseng dithuso tsa nyeletso lehuma.

O boletse fa go na le banana ba le bane ba ba thusitsweng ka dihutshane ka lenaneo la madi a banana (Youth Development Fund) mo Shakwe.

A re bontsi jwa banni ba thusitswe ka lenaneo la LIMID go tsaya dikoko mme ba setse ba feditse go di agela bonno, o tlhalositse gore baikopedi ga ba ise ba neelwe dikoko ka lebaka la bolwetse jwa leroborobo jo bo kileng ja tlhasela bosheng.

Go sale foo kgosi o ngongoregile ka gore didirisiwa tse baikopedi ba di kopang di tsisiwa morago ga nako ebile nako tse dingwe di tla di kgaogane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Shakwe

Event : Potsolotso

Date : 14 Jun 2015