Ipelegeng e ntsha maduo
14 Jun 2015
Motlhala wa lenaneo la Ipelegeng o tsweletse ka go itshupa kwa Shakwe jaaka lenaneo le tsweletse ka go thabolola motse.
Erile mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo ya Shakwe Mme Tuelo Onalepelo a buisanya le ba motswedi wa dikgang wa BOPA bosheng, a tlhalosa fa ditiro tsotlhe tsa dikago, go aga diterata le go shafatsa dikago mo Shakwe go dirwa ka lenaneo la Ipelegeng.
O tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le kgonne go shafatsa matlo a barutabana ba Shakwe Primary School ka go a rulela ka thaele, go aga moriti o balwetse ba emelang dithuso ba le mo go one mo kokelwaneng ya motse, go epela diphaephe tsa metsi ka maiteko a go oketsa dipompo mo motseng go fokotsa tlhaelo ya metsi le go fetolela ntlo ya polokelo mo sekolong se se botlana sa Shakwe go e dira ntlo ya borutelo, seo e le maiteko a go fokotsa mosuke mo matlong a borutelo.
A re ngwaga le ngwaga lenaneo la Ipelegeng le ntsha thaga mo dikagong tsa puso gape le nna le aga terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso sekgele sa dikhilomithara di le pedi ngwaga le ngwaga.
Mokwaledi o ne a bolela fa mono ngwaga lenaneo la Ipelegeng le tlaa aga diofisi mo kgotleng ya Shakwe ebile lenaneo le tlaa tswelela ka go ntsha thaga mo dikagong tsa maphata a puso mo Shakwe mme gape le tlaa tswelela ka go aga terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso dikhilomithara di le pedi monongwaga.
Mme Onalepelo o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe fela sentle mo Shakwe bogolo jang ke bo mme le banana, o boletse fa dipalo tsa borre mo Ipelegeng di le kwa tlase fela thata.
Go sale foo Mma Onalepelo o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le kopana le kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa, seemo seo o tlhalosa fa se dia ditiro tsa Ipelegeng.
O thalositse gore palo ya masome a mane le bosupa e e hirwang ke lenaneo la Ipelegeng e le kwa tlase fela thata segolo bogolo ka gore batho ga ba a lema mo masimong mono ngwaga ka ntlha ya pula e e boutsana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Shakwe
Event : Potsolotso
Date : 14 Jun 2015






