Breaking News

Tshenyo ya dipompo e gaketse kwa Sefhare

14 Jun 2015

Mogolwane go tswa kwa komponeng ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) yo o okametseng dikgaolo tsa Mahalapye le Palapye Mme Daphne Motsumi a re o tshwentswe ke tshenyo e e kwa godimo ya dipompo tse di nosang setshaba kwa Sefhare.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa lephata la botsogo Mme Dorcas Makgato kwa Sefhare mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami o boletse fa tshenyo ya dipompo tse di nosang setshaba kwa Sefhare e le e e ngomolang pelo ka mo nakong eno go setse go sentswe di le 28.

A re tshenyo eo ya dipompo e kgoreletsa kompone ya gagwe go diragatsa maitlamo a yone a go nosa setshaba ka dipompo tseo di baakanngwa kgapetsakgapetsa mme go dirisiwa madi a mantsi fela thata.

A re tshenyo e e fitlhelwang mo dipompong tseo e a bo e bonala gore ke e e dirilweng ka bomo ka dingwe bontsi jwa tsone di tlhabiwa ka sengwe se se bogale mme di bo di baka tshenyo ya metsi ka di felela di ntsha metsi fela.

Mme Motsumi o ne a bolela fa kompone ya gagwe e itse fa e na le boikarabelo jwa gore dipompo tseo di baakanngwe mme o mo lenaneong la go batla madi go bona gore di a baakanngwa di boela mo seemong sa tsone.

O ne a kopa banni go tlhokomela dipompo tseo go hema seemo sa gore kompone e tsee tshwetso ya go emisa go baakanya dipompo tse di sentsweng.

Mo go tse dingwe Mme Motsumi o ne a bolela fa go na le tlhaelo e ntsi ya metsi mo metseng ya Tswapong borwa mme lephata la gagwe le sa nna fela ka le santse le sekaseka gore go ka tsewa tshwetso efe.

A re metsi a a nowang mo motseng wa Sefhare ke a a tswang mo didibeng di le nne mme a nowa ke metse e mengwe e tshwana le wa Machaneng le Chadibe ka jalo ga a a lekana. O tsweletse a re puso e a sekaseka gore a metse ya Tswapong borwa e ka sielwa metsi go tswa kae.

A re mo ditshekatshekong tseo go na le kgonagalo ya gore metse ya Tswapong borwa e nwe metsi go tswa kwa tankeng ya Palapye. O ne a kopa ba ba nang le didiba go buisanya le ba koporase ya metsi go bona gore ba ka adimana didiba tseo jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyana

Location : Sefhare

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jun 2015