Breaking News

Direlang dikgaolwana tsa lona

12 Jun 2015

Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Mahalapye le tikologo ba gakolotswe go ema ka dinao mme ba thuse puso go tlhabolola metse le dikgaolwana tsa bone.

Mafoko a a builwe ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso fa a ne a buisa maloko a metse ya Mahalapye, Dovedale, Makwate, Mmaphashalala, Mookane, Pallaroad, Kudumatse le e mengwe mo Mahalapye bosheng.

Mme Tshireletso a re e le dikomiti tsa ditlhabololo ba tshwanetse go ema ka dinao mme le bone ba kopa dithuso mo dikomponeng kgotsa mafatshe a mangwe go thusa khansele le puso go tlhabolola metse le dikgaolwana tsa bone.

A re fela jaaka baemedi ba dikgaolwana le metse ya bone ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go bona gore le bone ba nna le seabe mo ditlhabololong tsa metse ya bone.

O ne a ba gakolola gore ke baemedi ba tlhwatlhwa mme ka jalo ba tshwanetse gape ba kopanya merafe ya bone le boeteledipele mme ba dirisanya sentle.

A re go mo maruding a dikomiti go ema ka dinao go bona gore morafe o dirisanya le badirela puso, bagogi ba motse, dikole, kokelwana le tse dingwe gore go nne le therisanyo le kutlwano ya botlhe.

Mme Tshireletso a re therisanyo ke selo sa botlhokwa fela thata mo morafeng mme e le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ba tshwanetse ba kopanya banni ba ka go rerisana le bone.

O ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse go dirisanya thata le badirelapuso ba ba mo metseng ya bone bogolo jang thata bommaboipelego ka e bile ke bone ba e reng ka dinako tsa ditlhopho ba bo ba ba eme nokeng go bona gore ditlhopho tsa bone di tsamaya sentle. Mo go tse dingwe mothusa tona o ne a ba kopa go fedisa mokgwa wa gore maloko mangwe a tsenela mo dikomiting go duelwa fela.

A re se, se ba senya leina fela thata ka e bile maloko a go nna jalo a tsena diphuthego fela tse go duelwang fa e se tse go sa duelweng ga ba tsene.
Fa a itebaganya le ba bogosi Mme Tshireletso o ne a kopa dikgosi go thusana le dikomiti tse fela thata ka e le bone bogogi ja metse.

A re fa dikgosi di eme dikomiti tse nokeng ba ka kgona go bua le morafe go rotloetsa dikomiti tse, a tlatsa ka gore morafe ga o sa tlhole o ema dikomiti tse nokeng. O ne a tlhalosa gore fa dikgosi di eme dikomiti tse nokeng b a ka kgona le go gogela morafe kwa kgotleng fa maloko a bitsa diphuthego ka bone ba a ba tlotla.

Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng le itebagantse le dikomiti tsa ditlhabolo tsa metse Rre Eliel Motshegwe o ne a gakolola maloko go itsaya tsia mme ba itse gore ba tshwanetse go dira eng ba seka ba dira eng.

Rre Motshegwe o ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse gore ba fe morafe pego nako le nako morago ga dikgwedi tse tharo ka jalo morafe le one o ba fe dikgakololo fa go tshwanetseng teng.
A re morafe o tshwanetse wa nna o itse dithulaganyo tsa bone mme fa ba sa ba lekodise ga gona jaaka morafe o ka ba tshepha.

Rre Motshegwe o ne a tlhalosa fa gantsi dikomiti tse ba lela ka go tlhoka go duelwa ga matlo a bone ke badirelapuso. O ne a ba gakolola gore ba tshwanetse go saenisa motho mokwalo o o mo tlamang gore o ya go duela jang pele a ka tsena mo ntlong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 12 Jun 2015