Maphata a akgoletswe go dira sentle
12 Jun 2015
Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi a kgotse maphata a mmuso go berekela mo nakong le go thusa morafe wa kgaolo ya bone ka mananeo gore ba kgone go itshetsa ka one.
Makhanselara a buile jalo mo phuthegong ya khansele e e tletseng fa ba akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo. Makhanselara a ne a akgola thata ka lephata la banana le thusa banana go bona mananeo ka bofefo le fa ntswa bangwe ba banana ba na le mathata a go bona ditsha fa ba ka direlang teng dikgwebo tsa bone.
Makhanselara a supile fa mo kgaolong ya Ghanzi bontsi jwa banana ba le mo dikgwebong tsa lenaneo la banana, ba tswelela ka go kopa maphata go ema ka dinao go bona gore morafe o thusiwa ka bofefo fa ba batla mananeo a puso.
Erile mokhanselara wa Grootlgate Rre Ezekiel Kajuu a akgela a kopa khansele go thusa banana ka mafelo a a iseng a neelwe ope mo toropong (open space) gore ba kgone go dira dikgwebo tsa bone sentle.
Mokhanselara Kajuu a re ke nako ya gore khansele e eme ka dinao go bona gore banana ba neelwa mafelo ao ka gore bontsi jwa banana mo toropong ya Ghanzi ga ba kgone go akola mananeo a banana sentle ntateng ya go tlhoka lefatshe, a re go na le banana ba ba tsereng mananeo ao mme ga a dire sentle ntateng ya madi a dirente a a kwa godimo.
Mokhanselara o ne a kopa ba lephata la nyeletso lehuma go thusa batho ba metsana e mebotlana ka dipodi le dikgomo ka jaana e le tsone tse di ka ba tswelang mosola a re dikgwebo tsa go tlhatswa diaparo le tsa go dira moriri le go apaya maroto ga di ba solegele molemo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Kabakae Rre Babane Thiite o ne a kopa ba lephata la matlhoko a leruo go emela molelwane wa Kuke ka dinao ka jaana terata ya teng e se mo seemong se se siameng. O ne gape a kopa gore bana ba dikole ba thusiwe ka sengwe fa go santse go emetswe mashi a a sa bolong go fela.
Mokhanselara Thiite o ne a ngongorega thata ka khansele gore e leswe mo go tlhabisang ditlhong a re ditlhare di dintsi thata mo teng, a re khansele e tshwanetse go nna phepa ka dinako tsotlhe.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Merting Rre David Botshake o kopile gore matlo a a agelwang batlhoki a agelelwe ka gore batlhoki bone ga ba na go kgona go agelela matlo a bone.
Erile mokhanselara wa Chobokwane, Rre Joel Moragoshele a akgela a kopa ba lephata la matlhoko a leruo go ba tlhalosetsa gore tiro ya kgwediso ka seatla e ya go simolola leng ka jaana go na le dingwaga barui ba sa ise dikgomo tsa bone kgwedisong.
Mokhanselara Moragoshele a re barui ba re ba batla go isa dikgomo tsa bone ka jalo ba tshwanetse go tlhalosa gore ba ya go simolola leng. O ne gape a kopa gore polase eo e gokelwe motlakase.
Mokhanselara wa Mkaunda/Kole Rre Kapenauarue Kandjise o ne a lela ka tlhaelo ya bakenti kwa metseng ya gagwe a tlhalosa fa tlhaelo ya bakenti e dira gore morafe wa gagwe o salele kwa morago mo go jeseng Omang wa dikgomo, le tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa ke ba lephata leo.
Makhanselara a ne a kopa ba lephata la ditsela go gopa ditsela tse di mo kgaolong, bogolo thata ya Ncojane/Charleshill ka e mo seemong se se maswe le go kgaola ditlhare tse di fa thoko ga ditsela go hema dikotsi.
Erile bagolwane ba maphata ba araba dikgakelo tsa bone mogokaganya ditiro mo lephateng la matlhoko a leruo, Rre Sikhumbuzo Mondo a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya bakenti mo kgaolong mme ba tlaa leka ka bojotlhe gore metse e e senang bakenti e bone thuso.
Rre Mondo o tlhaloseditse makhanselara fa molelwane wa Kuke o setse o le mo seemong se se siameng mo nakong ya gompieno. A re ka go isa dikgomo kwa polaseng ya kgwediso ka seatla ba tlaa simolola ngwaga one o. A re mabapi le go gokela motlakase kwa polaseng eo ba santse ba sena madi.
Erile mogolwane wa lephata la banana mo Ghanzi, Rre Gobonaone Ramoupo a akgela a tlhalosetsa khansele fa ba tlaa tswelela ba iteka ,mme fela lephata la gagwe le na le dikgwetlho tsa bana bangwe ba ba sa kgoneng go bona mananeo ntateng ya go tlhoka lefatshe.
Ramoupo a re keletso ya lephata la gagwe ke gore banana ba bone dikgwebo tsotlhe tse ba di tlhokang ka bofefo, a tlhalosa gape fa ba sa kgone go etela dikgwebo tsa banana sentle ntateng ya letlhoko la dikoloi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Phuthego ya khansele
Date : 12 Jun 2015






