Breaking News

Ba LeralaMaunatlala ba amogetse tekodiso

12 Jun 2015

 E setse e le tlwaelo gore ba kgaolo ya Lerala/Maunatlala mo nakong e ya ngwaga ba bo ba lekodisiwa ka kgaoganyo ya madi a setshaba, tiriso le kanamiso ya one go ya ka maphata a puso, seo se bo se ba baya mo tshiamelong ya go lemoga  fa go buiwa ka letlhoko la madi.

Erile a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe Mopalamente Prince Maele a supa fa kgaogano ya madi a setshaba e kgaogantswe ka dikarolo tse tharo, jaaka madi a a tsamaisang maphata,a ditlhabololo le a a dueling dikoloto, a re mono ngwaga puso e kgonne go salelwa ke lemmenyana la P1.23 billion morago ga go ntsha tsotlhe tse di nankotsweng.

Rre Maele o ne a lekodisa ka phetolo melao jaaka wa dikereke, wa koketso ya madi a lenaneo la kago le tlhabololo matlo SHHA, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, molao wa matimela, dituelo tsa ba-na-le-bogole le tsamaiso ya kabo ya lefatshe.

Mopalamente o ne a re go botlhokwa go lemoga gore puso e kgathala ka matshelo a batho ke gone ka moo e ya reng e bone lemmenyana e le kgaoganye ka tekateno, fela jaaka Setswana sere bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie.

O ne a supa fa go dirilwe diphetogo mo ditsamaisong tsa matimela go a ntsha mo kgweding tse thataro go a isa kwa go tse tharo, e le go fokoletsa puso ditshenyegelo tsa go a tlhokomela, o ne gape a buwa ka go okediwa ga madi a lenaneo la SHHA le a rileng le na le dikarolo di le pedi ya go agelwa le ya go tlhabolola se se ntseng se le teng.

Ka go ikopela lefatshe o rlle, jaanong ke bulela ditswe, go ya go amogelwa dikopo letsatsi le tsatsi, mme morago ga kgwedi tse tharo dingwe le dingwe go anamisiwe maina a baikopedi mo pepeneneng gore motho a bone fa a welang teng, go itsa gore e re fa lefatshe le ka bonala yo o saleng a letile a tlosiwe go neelwe yo e leng gone a tlang.

Tona o ne a buwa ka ditsamaiso le ditumelano le lephata la banana metshameko le ngwao, a re jaanong ba dirile tumelano le tona wa lephata leo gore ga ba sa tlhole ba abela banana lefatshe, ba ya go le neela lephata gore ke lone le adime banana, g oemisa seemo se se teng se banana ba rekisang lefatshe ka dipalo tse di sisimosang mme lone le sa gole, go gola dipalo tsa batho.

A re seo se ya go thusa thata go somarela lefatshe ka fa monana a sa thole a le dirisa, le ka neelwa yo mongwe. Ka go abiwa ga lefatshe o ne a re fa lefatshe le abiwa ba-na-le bogole, batlholagadi le baswagadi ba tlaa sekasekelwa ka fa go faphegileng ka teng.

Erile ba mo kgwa dikgaba banni ba Maunatlala, Matolwane,Moremi,Seolwane,Mokugwana le Mosweu ba ne ba itumelela tekodiso eo, ba bo ba lebogela dikoketso tsa bosheng tsa madi a dikomiti tsa metse le dituelo tsa ba-na-le bogole, lenaneo la tirelo setshaba le go simolodisiwa ga dikole tsa bananyana mo dikoleng tse dipotlana ba re ke mananeo a mantle fela thata.

Ka kgang ya matimela ba ne ba re puso e tle ka lenaneo la go simolodisa website ya go itsisise barui ka dikgomo tsa bone ka boranyane bo teng. Bangwe ba ne ba re madi a a dulelwang ka ngwaga a mekgatlho a fokodiwe go nna P200 e seng P500. Ba ne gape ba lela ka dituelo tsa makgotla a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ba re le fa ba amogela go okediwa ga tsone go santse go sa lekana.

Ba Mosweu le Mokugwana ba ne ba re bone ba batla tsela e e kopanyang metse eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Maunatlala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jun 2015