Dialogane di tlaa thusiwa
12 Jun 2015
Mothusa tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Kgotla Autlwetse a re puso e tsweletse ka go tla ka maano a go thusa dialogane tse di mo mekgwatheng.
Fa a bua kwa kgotleng ya Leina kwa Serowe ka Labobedi,Rre Autlwetse o tlhalositse fa mangwe maano a, e le go isa dialogane tsa dikolo tsa ithutelo ditiro tse di sa berekeng kwa dikolong gape go oketsa dithuto tsa bone gore ba kgone go bona ditiro le go itlhamela ditiro.
“Ba ba berekang ba seka ba nna le tsholofelo ya gore re tlaa ba isa sekoleng go ikoketsa dithuto, bone ba ikoketse ka maranyane a tlhaeletsanyo (online learning) le go ikgolagaya le ba bo BOCODOL,” Rre Autlwetse a tlhalosetsa phuthego. “Motho yo o mo ofising le yo o sa berekeng, yo o tshwanetseng go okediwa dithuto ke ofe?”
Mothusa tona o tlhalositse gape fa puso e tshwenyegile thata ka banana ba ba feditseng lekwalo le legolwane la boraro le la botlhano ba ba gobenyang mo mebileng.
A re ka bana bao ba fetsa dikwalo tseo ka bontsi le ka ntata ya itsholelo e e kwa tlase, bana ba le bantsi ba saila mo mekgwatheng ka ba ka seke ba ye kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro botlhe.
Mothusa tona a re puso e boloditse letsholo la go dira dipatlisiso tsa gore ba ka thusiwa jang. Mo godimo ga moo, Rre Autlwetse a re puso e tshwenyegile thata ka kwelo tlase ya maduo mo dikoleng ntswa puso e tsweletse ka go tshela madi madi mo thutong e tlhwatlhwa ya yone e golang ngwaga le ngwaga. “Fa thuto e ka tswelela e tura jaana, ditswa mmung tse Botswana e ikaegileng ka tsone di fokotsega a puso e ka kgona ka go ruta Batswana.”
Go tokafatsa thuto, a re puso e tlaa tshweledisa lenaneo la thuto ya bana ba ba botlana (preschool) mo dikoleng e e simolotseng ka 2012.
A re mo nakong eno dikole tse di nang le thuto ya bana ba ba botlana di 222 mme maikaelelo ke gore ka ngwaga wa 2018 dikole tsotlhe tse di potlana di bo di na le thuto e.
Rre Autlwetse a re fa thuto ya bana e nna mo dikoleng tsotlhe go raya koketsego ya matlwana a borutelo, barutabana le boroko jwa bone, dilo tse a reng e santse e le kgwetlho mo nakong ya gompieno.
Ka jalo a re puso e tsweletse ka go kopa setshaba ka kakaretso go tsaya karolo mo thutong ya Botswana (Public-private partnership). O ne a supa fa ba sekolo sa BAISAGO college ba setse ka tsentse letsogo kwa Sekoleng sa ithutelo borutabana sa Serowe College of Education.
A re ba New Era College ba solofeditse go thusa dikole tsa tiro ya diatla kwa Kanye.
O ne a tlhalosa gore puso e tsweletse ka go tokafatsa thuto ya dikole tsa ithutelo ditiro tsa diatla e a reng batho bangwe ba santse ba e lebela kwa tlase.
A re ba batla gore dialogane tsa yone di melediwe mathe, a re bo maitseanape ba ba sekasekang thuto ya tsone ba sekaseka gape gore a go a tlhokafala gore go fetolwe leina la tsone ka gongwe le na le seabe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Serowe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Jun 2015






