Simon Ratshosa o dirile bontle
12 Jun 2015
Sekole se sebotlana sa Simon Ratshosa kwa Serowe se dirile diaba, ka go di goga kwa pele mo maduong a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng, se bona maemo a bobedi mo dikoleng di le lesome le borataro tsa kgaolo ya Serowe Borwa, se bo se bona gape a bobedi mo dikgaolong tsotlhe tse di dirang kgaolo ya Serowe e kopane ka 90.6%.
Seo se ne se tla jaana morago ga gore barutabana, megokgo le botsadi bo laelwe gore go seka ga nna le sekole sepe se se dirang kwa tlase ga 90% mo dikgaolong tsotlhe tsa kgaolo ya Legare, mo maduong a lekwalo la bosupa.
Sekole sa Simon Ratshosa sa seka sa utlwa se ka tsa ga morakile, sa tsaya mafoko ka tlhamalalo mme sa itoma molomo wa tlase go dira ba le seopo sengwe ka maikaelelo a le mangwe a go ntsha maduo a mantle go tswa fela kwa dithutong tse di kwa tlase go ya go felela kwa lekwalong la bosupa.
E ne ya re a ba ema ka lefoko mookamela konteraka ya motlakase dikago le tsa dithoto Rre Jan Moshokwa go tswa kwa Gaborone a supa fa a dumelana le puso gore go botlhokwa gore setshaba se rutwe, gore se tle se kgone go aga bokamoso ja lefatshe leno.
Rre Moshokwa o ne a tlhalosetsa barutabana gore, ntwa kgolo ke ya molomo ebile lefatshe le ke la bone mme go ngala tiro ga go fedisi mathata, a re ba tshwanetse go lemoga fa matshelo a bana a le mo diatleng tsa bone, e le bone ba ka ba agelang bokamoso gona le go ngala ditiro ka go batla go okelediwa dituelo. A re “ntwa kgolo ke ya molomo”
Rre Moshokwa o ne a rotloetsa barutabana go ithuta go letela, ka pelo e telele le fa diemo di ka tswa di sa itumedise nako fa e tla e tlaa goroga motho a itumelele se a se kopilweng fa a se neelwe ka nako e e tshwanetseng ebile ele maleba
O boletse gore kompone ya gagwe e ikemiseditse go thusa puso mo go tshwaraganeleng go godisa thuto le go bona gore bana ba a rutega ka gotlhe mo a ka go kgonang.
Kopone ya JES e ne ya abela barutabana ba sekole seo dikhompiutara, ditafole le dikgatiso tsa motlakase (irons) tse di lopileng go feta P30 000 ya bowa ya tsenya tsotlhe tse di tlhokegang mo dikhompiutareng gore di dire tiro ya tsone ka manontlhotlho.
Fa a tswa la gagwe mookamela thuto mo kgaolong ya Legare, Mme Molebi Morolong o ne a supa fa mongwe le mongwe a fetile ka morutabana gore abo ale se aleng sone letsati leno, mme seo ga se a tshwanelwa go ithokomolosiwa fa go tla mo go bopeng le go aga ngwana.
O ne a ba busetsa fa moragonyana a re morutabana wa nako eno o fitlhela dilo di le mo diemong tse di ba kgontshang go ntsha maduo a a nametsang, mo maemong a tlhaelo ke dibuka, barutabana, kana a fe fela, a re seo ga se kake sa itsa morutabana go akanya, a lebeletse dikole tse di mo dikgaolong tse di senang sepe gothelele mme di ntsha maduo a a itumedisang.
A re go ntsha maduo go mo maruding a motho ka bongwe ka bongwe le go tlhaloganya se tota a se etseng kwa sekoleng e le morutabana. O ne a re tshwaraganelo ya thuto, ke batsadi, bana, setshaba le barutabana e direla morutabana tiro motlhofo mo go bopeng ngwana.
O ne a supa bontsi ja barutabana ba nako eno e le barutegi, ba ba sa ntsheng maduo a a tsamaelanang le dithutego tsa bone, ka ba lebeletse go itumedisa dikeletso tsa bone ba itlhokomolositse ene ngwana yo e leng ene a ba dirang se ba batlang go nna sone.
O ne a kopa barutabana go itsaya tsia, go lemoga fa e le dipilara tsa bana ba ba ba rutang le gone go itse gore fa ba neelwa go ruta mophato o o rileng go a bo go dirwa jalo go lebeletswe bokgoni ja motho eseng ka mowa ope wa go mo tlhokofatsa kana go mo sotla. Mme Morolong o ne a kopa tirisano ya barutabana, bana le batsadi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Ipelelo phenyo
Date : 12 Jun 2015






