Breaking News

Bogadi bo fa lenyalo seriti

11 Jun 2015

Go tswa bogologolo bogadi e ntse e le karolo e kgolo ya lenyalo mo Batswaneng le MaAferika ka kakaretso le ntswa bo bitswa ka maina a a farologaneng  jaaka lobola, malobolo jalo jalo mme fela e le selo se le sengwe,  se se tlhalositswe ke kgosi ya Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Kosi a re bogadi bo ntshiwa fa Rre le Mme ba tsena mo nyalong kana fa Rre a batla go tsaya bana bape ba a ba tshotseng kwa ntle ga lenyalo go ba tlisa ka fa tlase ga gagwe.

Bogadi ke jone bo fang  lenyalo kana Rre seriti se monna ope a neng a ka seke a se itlhokomolose fa a tsena mo nyalong ka jalo a bo ntshe go supa fa ka boammaaruri a ipaakanyeditse e bile a ikemiseditse go nyala go sa kgathalesege katlholo e e tlaa bewang fa pele ga gagwe.

E re le fa go ntse jalo go santse go le gontsi mo Batswana segolo thata banana ba sa go tlhaloganyeng ka bogadi, mosola wa jone le boleng jwa jone mo matshelong a batho.

Fa a tlhalosa mo potsolotsong kwa Omaweneno bosheng, Kgosi Samuel Bimbo a re bogadi ga se dituelo mme ke tebogo e e dirwang ke monna a leboga boora mosadi go bo ba mo godiseditse mosadi.

Kgosi a re bogadi gape ke thekololo ya mosadi le bana go tswa ka fa tlase ga boora mosadi go ya kwa go boora monna. A re se ke ka gore fa monna a sa ntsha bogadi bana le mosadi ba tsile go tshelela fela ba dirisa leina la ko gaabo mosadi.

Kgosi Bimbo  a re bogadi bo a farologana go tswa fela mo go reng a bo ntshediwa bana ba ba tsholetsweng kwa ntle ga nyalo kana mosadi fa a tsena mo nyalong, a supa fa gape bo farologana ka dingwao tsa merafe ka go farologana.

Kgosi a re mo motse wa gagwe o  okametse morafe o o dirwang ke merafe e ka nna metlhano e bong, Baherero, Makhalate, Barolong, Bakgalagadi le Bakgothu, mme ka dingwao tsa bone bogadi jo bo ntshediwang bana ga bo na katlholo, go tswa fela ka go itela ga yo o ntshang bogadi mme o fitlhele a ntshitse se a nang naso.

O ne a tswelela ka go supa fa o kgona go fitlhela motho a ntshitse madi, dinku, dipodi kana dikogomo go tswa fela ka gore ene o tshwere eng.

Fa a ama bogadi jo bo ntshediwang mme fa a tsena mo nyalong, Kgosi Bimbo are pele boora monna ba ka simolola tiro ba tshwanelwa ke go ya go kopa tsamaiso ko go boora mosadi mme ba e sale morago go fitlhela thulaganyo yotlhe e wela.

A re bogadi jone bo na le seelo se se bewang gore monna a bo fitlhelele mme fela le gone a kgona go itela ka se se beilweng pele ga gagwe a supa fa se e se ka gore o a bo a nyatsa ba gaabo mosadi mme e le fela go ipaakanyetsa botshelo jo bo kwa pele.

Kgosi Bimbo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go na le seemo se o ka fitlhelang batsadi ba banyalani ba ne ba sa nyalana kana go ntsha magadi fa ba tsena mo nyalong mme se se bake ketsaetsogo mo dinyalong tsa bana.

A re ka tsamaiso ya Setswana mo seemong se se tshwanang le seo batsadi ba gaabo mosadi ke bone ba ba tshwanelwang ke go tshwara tsamaiso ya lenyaolo go fitlhela ngwana mongwe wa mosetsana a nyalwa mme ba tseye magadi ao go emisetsa jo rraabone a sa bo ntshang mme go tsweng foo ba gaabo monna ba ka simololang go tsaya boikarabelo jwa dinyalo tsa bana bape ba ba tlaa latelang ka jalo bogadi jwa ngwana wa mosetsana yo o nyalwang pele bo rekolola bana ba ba setseng go tswa ko go boora mosadi go ya kwa go boora monna.

A re go le gantsi batho ba na le go tshaba boikarabelo a supa fa gantsi ka nako ya fa go nyala ngwana wa mosimane ba goora mosadi ba ikgogela kwa morago ka ba itse fa go na le ditshenyegelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 11 Jun 2015