Dikgwetho di kgoreletsa ditirelo
10 Jun 2015
Badirela puso kwa Mookane, Mmmaphashalala, Pallarod le Kudumatse mo kgaolong ya Mahalapye ba ngongoregetse letlhoko la dipalamo, badiredi le didirisiwa mo maphateng a bone mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso bosheng.
E rile a amogela mopalamente, kgosi ya Mmaphashalala, Kemmapetse Bagatiseng a re ba na le tlhaelo ya mapodise ka yo mongwe a sale a hudusitswe dingwaga tse tharo tse di fetileng mme le gompieno ba ntse ba letetse yo o ta a kabang phatlha ya gagwe.
A re ba dirisa mokwaledi a le mongwe le metse e e mabapi mme e bile a ikgoetsa ka a sena mokgweetsi mme e re fa a le mo malatsing a boikhutso kana a lwala ba tlhoke yo o ka thusuang mme seo se sadisetse tiro ya bone ko morago.
Kgosi Bagatiseng a re ba iphethela ele dikgosi ba tshwaragane le bothata le go bereka le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba go lebagang ba sa tlhaloganye tiro ya bone ka ba batla go laola badirela puso ,ba tsenelela dikgang tsa sepolotiki le dipopelelelo tse di seng ka fa molaong le bogudu tota.
Ba re ga ba itumedisiwe ke go tlhoka go tsenyediwa madi a go berekela mo metseng e e sa tlhabologang mo dituelong tsa bone e tswa ba metse e mengwe ba a tsenyediwa ,ba kaile fa ba berekela mo lifelong le lengwe lebaka le leleele bas a fudusediwe ko mafelong a a botoka ka mo bogompieno o fudusiwa ka go faapana le yo mongwe se se leng dingalo k aba sena ditsela tse di tsamaegang sentle.
Ba re ba tsenya dikopo tsa go ya go ikoketsa dithuto mme ga ba nke ba amogelwa gore ba ye go tsweledisa dithuto jaaka babereki ba bangwe.
Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Mookane Mme Victoria Setlalekgosi a re sekolo sa gagwew ga se dire sentle gotlhelele k aba tlhaelelwa ke barutabana mme e bile batsadi ba sena kgathego mo tirong ya ban aba bone bas a ba fe le yone tlhokomelo e e tshwanetseng ka ba tla ba le leswe mo sekolo ,b aba tlogela ba le nosi mo magaeng ba ya merakeng mme ba helela ba dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
MmaSetlalekgosi a re modumo o montsi mo motseng wa diletso o itaa bana tsebe ba tsamaa bosigo mo mafelong a go etisiwang ba nwa bojalo, a re ba sale ba itemogela letlhoko la dijo le didirisiwa tse di phepafatsang le tsone didirisiwa tsa thuto.
A re mo maitekong a bone a go ntsha maduo a a botoka ba ithaopa go ruta bana le mafelo a beke bas a duelwe .E rile a iteela kobo morokomogokgo wa sekolo se segolwane sa Mookane a re le bone ba thophile bana ba mophato wa boraro ba le masome a mane b aba dirang botoka gore ba name ba letetse ditlhatlhobo ba nna mo sekolong gore ba se itewe tsebe ke sepe fa ba ithokotsa mme ga bana motakase mo matlwaneng a borutelo.
Ba sekolo se segolwane sa Dikgatho bone ba re ba tswenngwa ke mosuke mo matlwaneng a borobalo le a borutelo ka ba amogela bana ba ba fetileng palo e ba tshwanetseng go e amogela mme seo se dira gore go nne le bana ba ba tsenelang dithuto tsa bone ko ntle.
E rile a ba hetola mopalamente a ba solofetsa fa a ta a dira ka bojotllhe go leka go tokafatsa seemo se ba berekelang mo go sone . O ne a ba gakolola ka maitamo a puso a go tokafatsa ka fa badirela puso ba fang morafe diterelo ka teng.
A re Batswana gompieno ba tlhaloganya botoka ka fa ba tshwanetseng go fiwa ditirelo ka teng ke seo puso e ileng ya tswa ka ditsetlana tse babereki ba tswanetseng go di sala morago fa ba thusa batho di akaretsa go tota bagolo,go busa phetolo ya ngongorego ka nako le go baa moalo o o supang gore ba fa thuso efe ka letsatsi lefe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 10 Jun 2015






