Breaking News

Seabe sa batsadi mo thutong se botlhokwa

10 Jun 2015

Batsadi ba kopilwe go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone go tokafatsa maduo a bone.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana aa sekolo se se botlana sa Shakwe Primary School,  Rre Kephulositswe Kgosiemang o thalositse gore bana ba batsadi ba ba senang seabe mo thutong ya bone go le gantsi ga ba dire sentle mo thutong ya bone.

O boletse fa batsadi bangwe ba bana ba sekolo sa Shakwe Primary School bas a tsenye letsogo mo thutong ya bana ba bone ka go sa tla diphuthegong tsa batsadi le barutabana le go sa tla go amogela maduo a dithathobo tsa bana.

Seemo seo o bolela fa se bakiwa ke gore batsadi bangwe ga ba itse gore fa ba tsenya bana ba bone sekolo ba tshwanetse go ba pataganela le barutabana.

O thalositse gore fa motsadi a sate go amogela maduo a ngwana ga ana go itse gore mathata a ngwana mo thutong a tswa mo sekolong kana ko lwapeng.

Rre Kgosiemang o boletse fa go utusa bothoko go bona ngwana asa dire sentle mo dithutong tsa gagwe, a felela a gobeya mo mebileng ka lebaka la gore motsadi one a sa tsenye letsogo mo thutong ya gagwe mme ngwana ene ane ale botlhale.

One a kopa gore go diriwe molao o o tlamang batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone.

Fa a ntsha la gagwe mothusa mogokgo wa sekolo sa Shakwe Primary School Mma Maithoko Legoreng o thalositse fa ngwana a rotloetsega thata fa motsadi a supa kgathego mo thung ya gagwe, are ba itemogetse gore bana ba batsadi ba bone ba nnang ba tla diphuthegong tsa batsadi le barutabana gape ba tla go tsaya maduo a bone ba dira sentle fela thata mo dithutong tsa bone.

O boletse fa fa seemo sa tirisano mmogo fa gare ga batsadi le barutabana se tokafetse hela thata lefa gona le batsadi bangwe ba ba saletseng ko morago mo go tsenyeng letsogo mo thutong ya bana ba bone.

Mme Legoreng o thalositse fa ba itemogetse fa batsadi bangwe ba sa tsenye letsogo mo thutong ya bana ba bone ka lebaka la go nwa nno-tagi phetelela malatsi otlhe.

Fa a bua a maduo a sekolo Mme Legoreng o thalositse fa sekolo sa Shakwe Primary School se ntsha maduo a a fa gare mme maduo a teng a tsweletse ka go tokafala.

E ntse ele kwa Shakwe motshwara madi a komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Gobonwang Ngakaemang o tlhalositse fa bahirisi ba bontsi jwa bone eleng badirelapuso ba sa duele madi a boroko.

Mme Ngakaemang o tlhalositse fa nako tse dingwe ba ipata ka gore baya dibankeng ko Mahalapye mme go tswa foo ba tswelele ba sa ba duele.

O thalositse fa komiti ya ditlhabololo e tsenya madi ka go hirisetsa batho matlo a yone mme gosa duele madi ga bahirisi go ba baya ka fa mosing.

O thalositse fa komiti ya dithabololo ya Shakwe e kolotiwa madi a a kanang ka dikete dile thataro le makgolo a marataro (P6 600) mo ngwageng o ole nosi, fa ba akaretsa a dingwaga tse di fitileng madi a teng a nna dikete diferabobedi le makgolo a mane (P 8400). BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : SHAKWE

Event : Potsolotso

Date : 10 Jun 2015