Breaking News

Kgosi o kopa molaodi go kgalema

10 Jun 2015

Kgosi ya Botlhapatlou mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Domkrag Omphitlhetse, o kopile molaodi wa kgaolo potlana eo go kopa badirela puso mo kgaolong ya gagwe go thusa batho ka bojotlhe.

E rile a amogela morafe kwa tirelong ya go isa ditlamelo kwa bathong e e neng e tshwaretswe kwa motseng oo bosheng, Kgosi Omphitlhetse o tlhalositse fa batho ba motse wa gagwe ba sokola go latela ditlamelo kwa Letlhakeng ka ntlha ya dipagamo tse di sokodisang, ditsela tse di maswe ga mmogo le letlhoko la madi a sepagamo.

A re ka jalo go ngomola pelo gore e re nako e batho ba kgonneng go iteka lo latela ditlamelo, ba bo basa thusiwe ka tshwanelo e bile mo makgetlhong a mangwe ba boa ba sa bona thuso gotlhelele.

Kgosi Omphithetse a re selo se ke sone se dirang gore batho ba nne maoto a tshupa go latela dithuso kwa diofising. Le fa go ntse jalo, Kgosi Omphitlhetse o ne a lebogela thulaganyo eo ya go isa ditirelo kwa metseng ee kgakala le ditlamelo, a re seo se tla kgaolela batho ba tshwana le ba motse wa gagwe maoto, bogolo jang bagolo ba ba sa kgoneng go tsamaya mesepele e meleele.

O ne a kgotlhatsa ofisi ya ga molaodi le maphata a mangwe a puso gore fa ditlamelo le nako di letla, ba leke go dira thulaganyo eo kgapetsa-kgapetsa.

E rile a mo kgwa dikgaba, molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre George Mogome o ne a tlhalosa fa a tla tsaya matshwenyego a gagwe a gore batho ga ba thusiwe ka tlhwaafalo, mme a kopa bogogi jo bongwe jaaka makhanselara gore le bone ba thuse mo kgannyeng eo, bogolo jang mo dikgang tse di amang khansele.

Rre Mogome o ne gape a kopa setshaba go dirisanya mmogo le badirela puso ka jaana ditlhabololo tsa kgaolo di tlhoka bobedi joo go atlega. Mo go tse dingwe Rre Mogome o ne a kopa batho ba motse wa Botlhapatlou go baakanyetsa boipuso ja monongwaga nako e sa le teng.

A re se ke ka gore boipuso ja monongwaga bo faphegile mme bo tshwanetse ja ketekwa ka maatlametlo a magolo ka jaana lefatshe leno le tla a bo le keteka dingwaga tse masome a matlhano le ntse le ipusa.

O ne a kopa gore mo ditiragalong tsa letsatsi go tsenngwe dilo tse di amanang le ngwao ya lefatshe leno go thusa batho go ikgakologelwa.

E rile a a fa malebo, mokhanselara wa kgaolo eo, yo e bileng ele mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Lefoko Kegopotswe le ene o ne a lebogela maphata a puso go bo ba sa ipona tsapa go tlogela diofisi go tla go tlhola le batho ba motse o o ba ba fa ditlamelo.

O ne a kopa gore mo nakong ee tlang thulaganyo e o e itsisiwe batho go sa le nako gore le ba ba nnang kwa ntle ga motse o e tshwaretsweng mogo o ne ba tle ba itse ka yone. Thulaganyo eo ee tsereng selekanyo sa beke, ene e dikologa le metse ka go farologana jaaka wa Malwelwe, Mantshwabisi, Ditshegwane le Ngware. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 10 Jun 2015