Madigele o kgala bogodu jwa leruo
10 Jun 2015
Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Alfred Madigele, o kgadile a sa kgwe mathe batho ba ba utswelang ba ba thusitsweng ka mananeo a puso.
Dr Madigele, yo gape e leng mothusa tona wa botsogo, o buile jalo fa a buisa phuthego tsa kgotla kwa Maisane, Diphotsana le Gopong beke eno.
O rotloeditse balemi-barui go bopa dikomiti tse ka tsone ba ka thusang mapodise a a dubang thankga go lwantsha bogodu ja leruo jo bo apesitseng dikgaolo tsa bone kobo ka letshoba.
Dr Madigele o boletse fa puso e leka ka natla go ntsha ba ba dikobodikhutshwane mo lehumeng mme dilalome dingwe di leke go holodisa maiteko a puso ka go ba amoga ditsabone. O boletse fa leruo le utswiwa ka mmetela mme a bolela fa le utswiwa fela thata ke batho ba ba itsiweng.
Dr Madigele o dumalane le morafe wa gagwe ba eleng batlhophi ba gagwe gore ditsheko tsa leruo di sekelwe ko lekgotleng la Setswana e seng la ga Mmakaseterata le ba boletseng le diya ditsheko mo babelaelwa ba nkgatang motlhala ka go utswa gape fa ba sena go letela tsheko ko ntle.
Mothusa tona o boletse fa maikaelelo e le go tlhoma ofisi ya sepodise e potana ko Molapowabojang go leka go lwantsha seemo mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi. A re bogodu ja leruo bo oketsa palo ya batho ba ba sailang mo mekgwatlheng ba tlhoka ditiro, a re selo sa mohuta oo se koba babeeletsi mo lefatsheng leno.
Le fa gontse jalo banni ba metse eo yotlhe ba kopile go ntsha bo mmakaseterata mo ditshekong tsa leruo ka gore ba ratile go fa babelaelwa go letela tsheko ba le kontle. Ba re fa batho bao ba boa ba kgokgontsha ba ba begetseng mapodise ba bolela fa ele bone ba ba tshwaresitseng.
Bangwe borre ba kaile fa ditsheko di diega mo bosupi bo felelang bo nyeletse jaaka leruo le sule kgotsa le utswile gone ko le beilweng teng gonna bosupi mo tshekong. Ba boletse fa ba babaletswe ke go betswa ke babelaelwa ba ba kgoreletsang ditlhotlhomiso.
Mo go tsedingwe ba ledile ka tlhaelo ya metsi e e diyang ditlhabololo mo kgaolong tsa bone, ba boletse fa palo ee firwang mo ipelegeng e le nnye thata e tshwanetse go okediwa ka gore Batswana ba dikile ba sa lema pula e ele boutsana. Ba ngongoregile ka go tlhoka go abelwa lefatshe.
Mo go tsa botsogo ba kopile gore dikokelwana tsa bone di atloloswe di nne dikokelo gore di nne le ditlamelo tsotlhe le bodiredi jo bo lekaneng. Ko Molapwabojang ba kopile gore go dirwe metshelakgabo mo melapong ee fa gare ga motse ka itsa bana go ya sekoleng, ba bolela fa ditsela tsedi fa gare ga motse di le maswe thata di batla go gopiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jun 2015






