Breaking News

Khansele e tlaa dira ditiro ka Ipelegeng

09 Jun 2015

Molomaganya ditiro tsa Ipelegeng tsa kaolo-potlana ya Mahalapye Rre Kadimo Sephetsolo a re khansele eo e tlaa dira ditiro tsa ditlhabololo di le 171 mo ngwageng wa madi wa 2015/16

E rile fa a lekodisa phuthego ya khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye bosheng, a re mo ditirong tse di 171 tseo, di le 37 ke tsa dikago fa di le 28 e le tsa go baakanya matlo  le tse dingwe jalo jalo. A re ditiro di le 22 ke tsa kago ya diterata tse di kgaoganyang msimo le mafudiso  le tse dingwe gape.

O tlhalositse gore  ditiro tseo tsotlhe di  tlaa simolola ka fa go solofetsweng ka teng. Kwa ntleng ga go aga tanka ya metsi kwa Seleka le ditiro tse dingwe gape tse di amanang le paakanyo ya ditiro tse di ntseng di le teng.

A re go wediwa ga maobo a dikgotla kwa Moshopha le Bonwapitse  go gaufi fa go agiwa ga lebotana  kwa Chadibe le gone go le gaufi le go fela.

Rre Sephetsolo a re bontsi jwa  ditiro tse disha le go baakanngwa ga tse di teng ga go ise go simologe  le gore badiri ba Ipelegeng ba santse ba epa ditlhare. A re ofisi e e rulaganyetsang ditiro tseo e tsweletse ka go rulaganaya go bona gore go tlaa tlhokega didirisiwa tsa selekanyo se se kae mo ditirong tseo tsotlhe a tlatsa ka gore go setse go anamisitswe ikopelo ditiro tsa metlhaba le ditena.

Rre Sephetsolo a re madi a a tlaa dirisiwang mo Ipelelgeng a ngwaga wa 2014/15 a selekanyo sa P29 million a ne a dirisiwa fa a a neng a setse a a ka nnang 2 million pula go solofetswe gore a dirisiwe mo ditirong tse di neng di sa fela mo dingwageng tse di fetileng. 

O tsweletse ka go tlhalsosa gore ka ngwaga wa madi wa 2014/15 ditiro  tsa ditlhabololo di ne tsa rebolwa go ka dirwa fa di le 30 tse di kabong di feditswe ka ngwaga wa madi wa 2013/14 di ne tse fetisediwa mo ngwageng o o lateleng wa madi. O boletse gore khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye  e ne ya dira ditiro di le 332 mme di le 276 tsa tsone di ne di feditswe. 

A re di le 25 di ne di ise di wele sentle. A re ditiro tse 18 di ne tsa pala go simololwa. Rre Sephetsolo a re mo ditirong tse 34 tsa dikago di le 24 di ne tsa wediwa fa di le thataro di ne di ise di wele sentle. 

O tlhalositse gore mo ditirong tsa paakanyo ditiro tse di teng di le 76, di le 66 di ne di feditswe mme ke di le pedi fela tse di neng tsa seka tsa simologa. Mo ditirong di le 20 tsa go aga terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso, di le nne di ne tsa fediwa fa tse dingwe tse nne di ise di wele sentle.

Erile  fa a rola lenaneo la Ipelegeng le le rulagantsweng sesha kwa khaseleng, modiri wa tsa itsholelo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye Rre Sengwato Kesianye a re Ipelegeng e solegetse molemo batho ba le bantsi ba mo nakong eno ba leng 3314, go supa koketsego ya batho ba le 165.

Rre Kesianye a re koketsego eo e tlhoka P1million  yo a tshwanetseng go abiwa mo dilekanyetsong tse di beilweng. O tlhalositse gore kgaolo-potlana  e ne ya duelela ditiro tse disha tsa Ipelegeng ka go fokotsa madi a a dirisiwang go reka didirisiwa.

O boletse gape gore go fitlha ka Moranang ngwaga ono madi a dituelo tsa Ipelelgeng a ne a oketsega. A re koketsego eo go solofelwa gore e tlaa ama madi a a tshwanetseng go dirisiwa go reka didirisiwa  tsa lenaneo leo ka jaana kgaolo e sa bone go tlhokafala go kopa madi a mangwe gape go a dirisa mo lenaneong.

Rre Kesianye o tlhalositse gore ditshekatsheko tsotlhe tsa madi a ditlhabololo di ne di rulagantswe ke lephata la dikgaolo le tlhabololo ya magae  go okeletsa kgaolo-potlana ya Mahalapye madi gore e kgone go thapa batho ba bangwe gape ba le 165 mo lenaneong la Ipelegeng. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 09 Jun 2015