Barutabana ba itumelela motlakase
09 Jun 2015
Barutabana mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba, ba re le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa, ba itumelela thulaganyo ya mmuso ya go gokelela motlakase mo dikoleng tsa bone, go thusa dikole tseo ka madi a go baakanya dikago le madi a go rekela bana dijo tsa letlhafula.
Ba boleletse mopalamente wa kgaolo eo Mme Botlogile Tshireletso mo phuthegong ye a neng a e kopanetse le barutabana ba dikole tsa Shakwe, Moineedi, Mokubatse, Xhosa 1, Flowertown le se segolwane sa Morale Junior Secondary School fa go tlhaela ga matlwana a borutelo, matlwana a boitiketso le boroko jwa barutabana ele dingwe tse di digelang maduo a ditlhatlhobo tsa lokwalo la bosupa kwa tlase.
Bare tlhaelo ya matlwana a borutelo le tlhaelo ya boroko jwa barutabana di ba pateletsa go rutela baithuti bangwe ka fa tlase ga ditlhare e bile barutabana bangwe ba tshwanelwa ke go hirisa boroko kgakala le kwa ba berekelang teng mob a tlhalositseng fa go kokonela tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi.
Ba tsweletse ka go bolelela mopalamente Tshireletso fa dingwe tse di ba tshwenyang ele go tlhoka go nna le seabe ga batsadi mo thutong ya bana, tshenyego ya dipitsa tse di apeelang bana dijo kwa dikoleng le letlhoko la di dirisiwa ditshwana dibalamakgolo, mechine e oketsang dipampiri le go tsaya lobaka ga bagolwane ba khansele go isa dibuka mo dikoleng tsa kgaolo potlana ya Mahalapye.
E rile Mme Tshireletso yo e bileng ele mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae a ba kgwa dikgaba, a bolela fa maikaelelo a diphuthego tsa gagwe ele go lekodisa badirelapuso ba kgaolo ya gagwe ka maikano kana maikemisetso a mmuso a go isa ditlamelo kwa batho ka nako e tshwanetseng, go tshwara setshaba ka botho jo bo amogelesegang, go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba le go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e sa sireletsegang go tila go tsenwa ke mogare wa HIV.
A re le ntswa gona le dingwe tse badirelapuso ba santseng bale sebete se molangwana ka tsone, ba tshwanetse go itumelela gore mmuso o dumelane molao o letelelang badirelapuso go adima madi a go ikagela matlo ka lenaneo la SHHA, go itshimololela dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go oketswa ga dingwaga tsa kadimo ya madi a go reka dikoloi.
Mme Tshioreletso o rile ere ntswa mmuso o beetse madi mangwe kwa tlhoko go dirisiwa mo ditirong tsa dikole, o swabisiwa ke go nna maoto a tshupe ga badiri ba lephata la thuto mo khanseleng mo go dirang gore dikonteraka dingwe di phuaganye ditiro di sa wediwa ntswa le mororo mmuso o ntshitse bontlha bongwe jwa dituelo tsa ditiro tseo.
A re ele baeteledipele ba lefatshe leno bana le pelaelo ya gore badiri bangwe ba mmuso segolo jang ba ba abang dithendara tsa dikago le go dirwa ga ditsela ba katswa bana le seabe mo go direng dilo ka tshokamo ba gwebile go neelwa pipa molomo ke boradikonteraka tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Bokopano jwa barutabana
Date : 09 Jun 2015






