Tautona o akgoletswe kago ya diofisi
09 Jun 2015
Kgosi ya Maubelo kwa Kgalagadi, Kgosi Setlhare Lorekang, o galeditse tautona wa lefatshe leno ka kago ya ofisi ya kgotla ya motse wa gagwe morago ga go tsaya lebaka di ise di agiwe.
Kgosi o buile se bosheng mo letsatsing la pulo semmuso la kgotla eo jaaka a ne a amogela baeng mo kgotleng. O ne a tlhalosa fa motse oo o tlhomamisitswe go nna motse ka ngwaga wa 1993, fa kgotla e simolotse go sekisa ka 1985.
Kgosi Lorekang o supile fa kago ya diofisi e ne e tshwanetse go dirwa ka ngwaga ya 2004 mme ga nna le tiego ee neng ya ba gwetlha gore e re fa tautona Lft General Seretse khama Ian Khama a etetse motse wa Tsabong ba lelela mo go ene ba kopa kago ya ofisi eo, mme a mo popotha legetlha go bo a reeditse selelo sa bone jaaka e le moeteledipele wa tlhwatlhwa.
O ne a tlhomamisetsa batsena moletlo oo fa ba tla dirisisa diofisi tse di lopileng madi aa kanang ka P1,608,745.00 tse di agilweng ka lenaneo la ipelegeng, tse di nang le dikammore di leng thataro di akaretsa mabeelo a dirisiwa, ya boapelo le matlo a boithomelo a le mabedi ba tla di dirisa ka manontlhotlho ka go di tlhokomela ka nako tsotlhe.
Le ntswa ba itumeletse kago ya ofisi le morafe wa gagwe Kgosi o ne ba kopa dithuso tse di akaretsang dibalama makgolo koloi le tse dingwe tse di ka seo se ka thusa mo go ba direleng tiro motlhofo mo go thuseng setshaba ka natla.
Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mookamedi wa banka ya Barclys Mme Renettee Van Der Merwe o ne a kaya fa kgotla e le botlhokwa ka e le yone e yone ee go rerisanwang, go buisana mo go yone mo tse di amang mo go tlhabololeng metse ya bone le gone go lere kagiso mo morafeng.
Fa a bua ka tse di amang banka ya Barclys o ne a kaya fa maikaelelo magolo a bone e le banka eo e le go thusana le puso mo go tsenyeng letsogo tlhabololong ya morafe le setshaba ka kakaretso lefatsheng leno le gone go thusa mo go tshwakanyeng itsholelo eseng fela go ikaga ka diteemane.
Mme Van Der Merwe o tlhomamamise se ka go supa fa banka ee a eteletseng pele e le yone fela ee ya bona go le botlhokwa go thusa banni ba ba mo kgaolong ya kgalagadi borwa go ba thusa mo polokong ya madi le dikamogelo go tokofatsa seemo ka pele ba ne ba dirisa sefofane go tla go thusa setshaba.
Mookamemdi yo o wa banka ya Barclys wa motho mosweu ka letso o ne a fiwa dimpho le go apesiwa kobo ya magagolwane le tukwi ya setswana e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa ngwao ya setswana.
Fa a leboga mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Frans Van Der Westruihezen o ne a kaya fa e le boammaaruri kago ya ofisi ya motse oo e diegile ka lebaka la letlhoko la madi.
Rre Van Der Westruihuizen yo e ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi o ne a supaa mo maetong a gagwe a go lekola dikgotla diofisi tsa kgotla ka bontsi mo lefatsheng dikago tsa tsone di se mo seemong se se siameng a kaya fa tse di gaufi le toropo ya Gaborone le di sa kgatlise.
O ne a gwetlha makhanselara le badirelapuso ba ba nang le dithata go ema ka dinao ba tshwaragana ka go tsweledisa ditiro le ditlhabololo tsa kgaolo tse di saletseng kwa morago gore kgaolo ya kgalagadi borwa e tle e kgone go tlhabologa.
Mothusatona Rre Van Der Westruihuizen o ne a itlama go thusa ka mpho ya go ba rekela dikhethene tsa ofisi ya ofisi ya kgotla ya Maubelo.
Go le pele fa ntsha la gagwe modulasetilo wa paakanyetso moletlo oo Rre Dennies Mereyabone o ne a supa fa ba ne ba simololela fela mo legoeleleng, A kaya fa ba ne ba kgona go kokoanya madi aa kanang ka P17 000.00 a ba neng ba thusiwa ke batsadi ba motse oo le beng ba madirelo aa ikemetseng le ba bangwe aa e leng one a ba kgontshitseng gore letsatsi leo le atlege.
Rre Mereyabone o ne a leboga badiri ba makgotla a setswana mo Tsabong le Maubelo morafe le setshaba ka kakaretso ka tshwaragano le tirisano mmogo a ba a ba kopa go tswelela ba dira jalo lemo nakong ee tlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Maubelo
Event : Pulo semmuso ya leobo
Date : 09 Jun 2015






