Batswana ba kopiwa go itshwara sentle
08 Jun 2015
Molomaganya ditro mo lekalaneng la National AIDS Coordinating Agency, Mme Grace Muzila, o gakolotse banni ba Bokspits, Rapplespan,Vaalhoek le Struizendam (BORAVAST) go fetola boitshwaro jwa bone ka seo se ka thusa go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV.
Fa a bua mo letsatsing la pulo semmuso ya tshidimoloso ya letsholo la ba lekalana la ba borre la Men Sector le ba NACA kwa Vaalhoek ka matlhatso o ne a tlhalosa fa lefatshe leno le tswa kgakala ka go lwantsha le go fedisa bolwetsi joo morago ga go lemogwa ka ngwaga wa 1985 mo lefatsheng leno.
Mme Muzila o supile fa go ne ga nna le dipalo tse di kwa dintsi tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS, ka jalo puso e ne ya ema ka dinao ka go potlakela go simolodisa lenaneo la dipilisi tse di ritibatsang mogare wa 2001 tse di tsweletseng di dira sentle ka go fokotsa dintsho tseo.
Are e le ba lekalana la NACA ba tsweletse ka go dira maiteko a go dira ditshekatsheko marago ga ngwaga tse nne, tse go supegileng fa seabe sa ba lekalana la Men Sector le lone le ne la ema ka dinao mo go tshwaraganeng le puso le makalana aa mangwe aa ikemetseng mo tshwantshong ya bolwetsi joo ka go ruta, go gakolola le gone go gasa molaetsa.
O kaile fa maiteko ao a supegile ka le mo kgaolong ya kgalagadi borwa ditshekatsheko di supile fa go nnile le phetogo mo phokotsegong ya mogare wa HIV o ile kwa tlase ka ngwaga wa 2013 ka selekanyo sa 11.1 per cent fa go tshwangwa le 19.1 per cent ka ngwaga wa 2008.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi letsholo leo molomaganya ditiro tsa lekalana la borre le le tona Mme Alla Moyo o ne a tlhalosa fa lekalana la Men Sector e le leklana le le okametsweng ke lekalana la National Aids Council (NAC) le le rotloetsang go tsaya kgato mo go lwantsheng mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS.
Mme Moyo o ne a tswelela ka go tlhalosa lekalana leo le le bopilweng ka ba sesole, ba sepodisi, makalana aa ikemetseng le maphata a puso aa farologanyeng le ikadile mo lefatsheng leno ka bophara e leng go gasa molaetsa le dithuto tse di tseneletseng tsa mogare wa HIV/AIDS, A kaya fa ba kokonyetsa setshaba golo go le gongwe go tsenenlela metshameko ee farologanyeng.
Molomaganya ditiro mo lekalaneng la borre o supile fa ka ngwaga oo fetileng ba ne ba simolodisa letsholo leo mo kgaolong ya kgalagadi borwa morago ga gore ba lekalana la spodisi la SSG ba tshware dikgaisano tsa Rrabontle wa borre mme mofenyi wa tsone a gapiwa ke ngwana wa metse ya BORAVAST ebong Rre Gert Witboi.
A re jaaka e le tswanelo ya gore mofenyi wa dikgaisano tseo go nna le maikaelelo ka se a ka tlisang pharologanyo ka se se ka solegelang olemo setshaba, o ne a kopa gore ba lekalana la Men Secotor go etela go ya go simolodisa letsholo la bone la go gasa molaetsa kwa metseng YA BORAVAST morago go lemoga fa kgaolo ya gagwe e na le mathata a mantsi mo kanamisong ya mogare oo bakwang ke go nwa phetelela ga banana ka ene le gone go tlhoka go itshireletsa mo tsa tlhakanelo dikobo.
O ne a tlatsa ka go supa fa ba tla tlhomamisa le go tswelela ba tshwara letsholo leo la twantsho mogare ngwaga le ngwaga mo metseng eo ba ngoka setshaba ka go dira metshameko ee farooganyeng ee ratwang bobe ke bone.
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Frans Van Der Westuihuizen fa bula semmuso tshidimolodiso ya letsholo leo la borre kgathanong le mogare le simologile ngogola mme le supegile fa tla dira diphetogo ka le gola ngwaga le ngwaga.
Mothusa tona yo e bileng gape e le mopalamentemo kgaolong ya kgalagadi borwa o tlhalositse fa letsholo leo le tla thusa mo dikgannyeng di akaretsa tiriso botlhaswa ya nnotagi, malwetsi a tlhakanelo aa ileng magoleltsa mo kgaolong eo, boimana jwa bana ba kwa tlase ga dingwaga le kgokgontsho ya banana le bagolo.
O ne a kopa batsena tshidimoloso eo go ema ka le go tsaya molaetsa le dithuto ka tlhwaafalo go fitlhela letsholo leo leya bokhutlong kgwedi eno e le lesome le boraro, a supa gape di tla thusa mo tharabololong ya dikgwetlho tse borre ba lebaganeng le tsone le morafe kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Pulo semmuso mo tshidimoloso ya letsholo
Date : 08 Jun 2015






