Mokhanselara o kopa dipone tsa mekgwatha
08 Jun 2015
Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhuru, o sa tswa go baa pele khansele potlana ya Palapye megopo ele meraro e mo go yone go dumelwaneng le ele mebedi ya bo e fetisediwa kwa komiting ya khansele ya madi fa wa boraro ane a o boela morago.
E rile a ala mogopo wa gagwe wa ntlha o o neng o kopa khansele potlana go akanyetsa go agiwa ga dipone tsa mokgwatlha mo tseleng ya Khurumela, g otswa fa borogong mo tseleng ya Gaborone/Francistown, mokhanselera Makhuru a supa fa gole botlhokwa gore lefelo leo le nne le dipone ka tsele eo e dirisiwa thata.
Mo mogopolong wa bobedi one a kopa gore a khansele e a kanyetse go agiwa ga ntlo ya diphutho (Palapye Sub Council Chamber, mabaka a gagwe ele gore ntlo e diphuthego tsa khansele potlana e tsenelang teng ga e lekane e nnye fela thata, mme ebile e diresediwa diphuthego tse di farologaneng le one manyalo tota ke khansle le molaodi, are seo gape se ka thusa gore enne ere fa bagolo ba tsile ba kgona go kopana le bodiredi fa go phothulogileng teng gona le go dirisa madi a mantis go firisiwa kwa dioteleng.
Ene yare a ala kgang ya gagwe are o tswa go bone kago e ntle kwa Bobonong, e e agilwe ka lenaneo la ipelegeng, are fela jalo le khansele potlana ya Palapye e kaya gotsaya malebela teng yabo ya tsaya maele gore bakgonne jang, are kago ya mofuta oo etlaa solegela dikokomane tse ditlang molemo , a lebeletse gape gore lefelo le dikgago tsa khensele le leng mo go lone le letona fela thata go ka tsenya kago ya mofuta oo.
Makhanselera bane ba farologana ka megopolo, bangwe bare mogopolo o siame fa bangwe bane bare o seka wa sekegelwa tsebe. Gone ga ema mokhanselara wa Lecheng Charles Mabjeng a ema nokeng mogopolo are nako e tsile ya gore balebele pele mo isagong, are ere ka mogopolo osa re go agiwe ka moso, o supa tlhaelo ya diofisi le gosa phuthulogang ga makhanselara ka nako ya diphuthego tsa bone ene o o ema nokeng.
Mokhanselera wa Lerala Botlhaba Kabo ketshogile , yo ebileng ele mothusa modulasetilo le ene one a ema mokaulengwe wa gagwe nokeng are a makhanselera ba tsee tsia ka go ema nokeng megopolo e e ntshitsweng ke bone gona le go ema nokeng fela e e yang kwa maphateng a mangwe a puso.
Are makhanselera batshwanetse gosupa gore le bone ba a a kanya , ba botlhale baka tla ka megopolo e nang le boleng jaaka wa go agiwa ga khansele Chamber ele bontlha bongwe ja ditlhabololo.
Mokhanselara George Makhuru wa Khurumela le ene one a ema mogopolo oo nokeng are, palapye kafa a golang ka teng o thokana le gore ditkhabololo di itepatepanye le go gola ga motse, a supa gore go akanyediwa ga gore Lerala a nne khansele potlana ga go kgoreletsa go ka agiwa ga khansele chamber go lebeletse gore etlaare isagong palapye a bo a ikemetse gotswa kwa Serowe kwa bakopanelang teng ele makhanselera a legare fela botlhe.
Are fa mogopolo o tla o wabo o lebile seemo sa nako eo
Mokhanselera Opelo Modimooaitse wa Matolwane, Gabagopole Sebele wa Lerala Bophirima le Mphoentle Kabelo wa Mmaphula botlhaba bane baseka ba ema mogopolo oo nokeng basupa fa o sa tsamaya sentle bare one o tshwanetse wa tsengwa mo lenaneong la kakanyetso ya ditlhabololo, gona le gore otle ka tsela e e tsileng ka yone.
Mme basupa fa basa bone botlhokwa ja mogopolo oo gore o ka amogelwe, golebeletswe gore go santse go nale lenaneo go akanyetsa gonna teng ga khansle potlana kwa Lerala, seo seraya gore ba batlaa salang batlaa lekana gotsenela mo ntlong Ya diphuthego e e teng basa pitlagane ka batlaa bo bale palo potlana.
Mokhaneselara Kabelo one are ene o bona goka akanyediwa go reka dikharavene, fela jaaka di dirisiwa ke khansele potlana ya Thamaga/Mogoditshane, gona le go akanyatsa dikago tsa sennela ruri.
Mogopolo oo le one one wa fitisediwa kwa komiti yang madi ya khanele gore go o lebelelwe, morago ga gore o engwe nokeng ka go tsholetsa matsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 08 Jun 2015






