Ba re matimela a fudugele kwa lephateng la temo-thuo
07 Jun 2015
E re ka jaana puso e ikaeletse go tlisa diphetogo dingwe go tokafatsa molao wa matimela, Batswana ba tsweletse ka go supa dipharologanyo tsa go amogela le go baakanya diphetogo tseo.
E rile fa mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi ka Laboraro (03/06/2015), Bakgatla ba supile fa go ka nna botoka gore matimela a isiwe kwa lephateng la matlhoko a leruo ka ba ka thusa barui go le bona ka bonako.
Ba supile fa lephata la matlhoko a leruo e le lone le ka tsamaisang kgang ya matimela botoka go gaisa khansele ka jalo ba kopa puso go fudusetsa matimela kwa lephateng la temo-thuo.
Rre Kabelo Moremi a re boitseanape jwa leruo bo kwa lephateng la temo-thuo ka jalo a kopa gore matimela a isiwe kwa lephateng leo ka ba na le maina a barui botlhe le megala ya bone.
O ne a supa gape gore ene o dumela gore fa kgomo e na le tshipi ya mong wa yone ga go kake gatwe ke letimela ka jaana ene o a bo a e batla kwa ntlheng e nngwe mme go ka batliwa mong wa yone a e begelwa.
Rre Moremi a re mo go fetoleng lebaka la dikgwedi tse thataro go ya go tse tharo matimela, o ne a kopa gore go name go engwe pele ka go fetola lebaka leo ka jaana ba ka tloga ba humanega ba le bantsi.
Rre Shadrack Tlhaolang ene a re o kopa gore matimela a fudusediwe kwa lephateng la matlhoko a leruo ka ba itse sengwe le sengwe ka leruo.
E re ntswa bontsi jwa bone ba ne ba ganana le gore dikgwedi di fokodiwe go tswa go dikgwedi tse thataro go ya go tse tharo, Rre Bogosi Tladi ene a re o bona fa dikgwedi tse tharo di siame ka jaana matimela a gasiwa mo seromamoweng.
A re fa matimela a ile kwa lephateng la matlhoko a leruo go ka nna bofefo go bona leruo ka gore ba na le maina a bone le megala ya bone mme ba ka ba tshwara go ba itsise ka matimela.
Rre Tladi o ne a supa fa puso e ne e ka fokotsa tiro e ntsi ka gore go ne go ya go tlhofofala mme e bile puso e ne e ka duedisa ba e ba leleditseng ka jaana ya bo e ba thusitse fela thata.Morwarraagwe ebong Pheto Tladi o ne a supa fa ene a sa dumele gore go na le kgomo e go ka tweng ke letimela ka jaana e na le tshipi mme a ganana le kgang ya go fokotsa lebaka la dikgwedi tsa leruo le le nnang ko lesakeng la matimela.
E rile go le pele fa mothusa tona a ba baya kgang pele a supa fa ba na le dikakanyo tsa go fokotsa malatsi a go bega matimela go tswa kwa go malatsi a a 30 go ya ko go 14 le gore morago ga malatsi a matlhano ramatimela a bo a di tshwaile ka tshipi ya kgaolo eo.
Mma Tshireletso a re o ne a bolelela morafe gore molao wa gompieno wa re mong wa seruiwa ga a kake a se tsaya morago ga dikgwedi tse thataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Jun 2015






