Ba re ditlamelo tsa WUC di a fokola
07 Jun 2015
Makhanselara a kgaolo-potlana ya Boteti ba lela ka koparase ya metsi ya Water Utilities Cooperation(WUC) ba re ga ba kgotsofalele ditirelo tsa bone tsa go siela metse ya bone metsi.
Makhanselara a ntshitse selelo se kwa tshimolodisong ya khansele potlana ya Boteti kwa Letlhakane mo bekeng eno. Ba re koparase e ga e na therisano le setshaba ka jaana le fa go sena metsi kana go na le mathata mangwe a a amanang le metsi ba sa begele setshaba.
Ba ne gape ba supa fa ba ngongoregela tiego ya go gokelela batho metsi mo malwapeng mo ba reng bangwe ba na le dingwaga di le dintsi ba kopile go gokelelwa metsi le gompieno ba eme fela.
Ba supile fa gape ba tshwenngwa ke seemo sa go senyega ga dipompo tsa metsi tse di mo mokgwatheng mme ba tsaya sebaka go di baakanya.Ba re dipompo tse ga di a agelelwa mo go dirang gore diruiwa di le robe.
Makhanselara a re a tshwenngwa ke tlhaelo ya metsi mo bangwe ba bone ba reng kwa metseng ya bone ba kgona go tlhoka metsi selekanyo sa beke ka na go feta, mme morafe o sa rerisiwa gore mathata ke eng. Ba re fa gongwe le fa ba gelelelwa ka dikoloi ga go dirwe ka fa tshwanelong ka jaana batho ba ba kgakala le ditanka tsa metsi ba sa kgone go bona metsi.
Ba ne gape ba supa fa koparase ya metsi e palelwa ke go baakanya diphaephe tsa metsi ba tlhalosa fa metsi a dutla gongwe le gongwe e bile go tsaya lebaka go sa baakanngwe.
Ba supile fa ba tshwenngwa ke kgang ya gore batho ba ditsha tse disha go bo gotwe ga ba mo moalong wa go gokelelwa metsi, ba re kgang eo e kgoreletsa batho go aga ditsha tsa bone.
Mokhanselara wa kgaolo ya Xhumo/Mmadikola Rre Elijah Motsamai a re ba batla gore ba bontshiwe mananeo a a dirwang mo kgaolong e seng go a bolelelwa ka molomo fela. Rre Motsamai a re go sale go gokelwa dipompo tsa metsi kwa kgotleng ya Sekgopane metsi ga a goroge .
Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane bophirima Mme Thato Modirwagale o supile fa madi a kgogo ya metsi a a leswe a P1500 a le kwa godimo thata e bile go kokonela banni ba kgaolo ya Boteti. O tsweletse a re banni ba kgotla ya Phase two Extension ga ba na metse a re ba gelela metsi kgakala, a bo a ba kopela gore ba tsenyediwe pompo gaufi.
Mokhanselara wa kgaolo ya Metsiaela Rre Boitshwarelo Mopedi ene o ne a supa fa madi a go gokela metsi a P2 000 a le mantsi, a tlhalosa fa e se Motswana mongwe le mongwe yo o ka a kgonang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 07 Jun 2015






