Makhanselara a tlhalosediwa ka kgokelo metsi
07 Jun 2015
Mogolwane wa koporase ya metsi, Water Utilities Corporation (WUC), Rre Innocent Leonard o tlhaloseditse makhanselara ka mananeo a kgokelo ya metsi kwa Boteti Bokone, Boteti Legare le Boteti Borwa, ga mmogo le tokafatso ya maranyane a metsi mo Letlhakane.
Mogolwane wa WUC o tlhalositse jalo kwa tshimolodisong ya khuduthamaga ya bobedi ya khansele potlana ya Boteti bosheng.
Rre Leonard o ne a supa fa lenaneo la Boteti Bokone, le le akaretsang metse e supa le go agiwa ga mafelo a phepafatso metsi a le mabedi kwa Motopi le le lengwe kwa Phuduhudu, le simolotswe.
O ne a tlatsa ka gore mafelo a a tlhatswang metsi a Motopi ke one a tlaa bong a isa metsi kwa metseng eo yotlhe.
O tsweletse a re mafelo a a tlhatswang metsi a magologolo a Moreomaoto Makalamabedi a tlaa baakangwa. Rre Leonard o ne a tlhalosa fa la Moreomaoto lone le tlaa godisiwa, mme tanka e kgologolo e e beelang metsi e emisediwe ka e kgolwane.
O sedimoseditse khuduthamaga gore mafelo a a beelang metsi a Mareomaoto le Makalamabedi a weditswe e bile a le mo tirisong fa a Motopi a sa ntse a dirwa. O tlhalositse fa lenaneo le le solofetswe go wediwa kgwedi ya Hirikgong e fela ka ngwaga wa 2016.
Rre Leonard o boletse fa mananeo a Boteti Legare le Boteti Borwa a saletse kwa morago ka ngwaga. O tladitse ka go tlhalosa fa la borwa le akaretsa metse e ferabobedi mme ba emetse madi go le simolola.
O itsisitse makhanselara fa lenaneo la go atolosa maranyane mo Letlhakane le filwe madi mo lenaneong la ditlhabololo la setshaba.
Mogolwane yo mongwe wa WUC, Mme Tebogo Matswelenyane, o ne a supa fa ditlhwatlhwa tsa metsi di okeditswe.
A re seelo sa metsi ke P20 fa madi a go gokela metsi fa motho a ikepela mosele e le P1 500. A re fa go epa WUC tefo ke P2 000 dimmithara di le masome a matlhano (50m) go ya ko tlase. A re fa di feta 50m, go duelwa P27 mmithara mongwe le mongwe. Mme Matswelenyane o ne gape a tlhalosa fa ditshipi tse di rekang metsi di fiwa batho ba ba senang dipompo mo malwapeng a tlatsa ka gore motho o direlwa ya ntlha mahala mme fa e latlhegile kgotsa e senyegile, o lopiwa madi go e emisetsa.
O bile a supa gore ba dirisana le dibanka le poso gore setshaba se kgone go duela metsi bonolo. O tladitse ka gore WUC e simolodisitse lenaneo la go romela molaetsa wa dikoloto ka megala ya letheka, ka jalo a re ba rotloetsa batho go tla kwa go bone go baakanya dinomoro tsa bone tsa poso le megala.
Makhanselara a supile fa a batla go bontshiwa mananeo a a dirwang mo kgaolong gore ba tle ba tlhalosetse banni ba dikgaolo tsa bone sentle. Ba ne gape ba re nako e tsile ya gore koporase ya metsi ya WUC e simolodise lenaneo la go reka metsi ka dikarata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 07 Jun 2015






