Ba kgothadiwa go tsaya boikarabelo
07 Jun 2015
Baithuti le babereki ba sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Boteti Brigade ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo jwa botshelo le botsogo jwa bone e ka nna botsogo jwa mmele le tlhaloganyo.
Kgothatso e e dirilwe ke morutabana wa sekole se segolwane sa Orapa, Rre Brets Motlogelwa kwa moletlong wa botsogo wa sekole seo bosheng, ka setlhogo se se reng
“Botsogo jwa me pilara ya botshelo jwa me, a tlhalosa fa go tlhoka go ja sentle go itshidila mmele, tlhaloganyo e e sa iketlang e le tsone di rotloetsang malwetsi a a sa alafesegeng jaaka madi a matona, sukiri le a mangwe.
Rre Motlogelwa a re boitshwaro ,boleng le mekgwa ya le ka fa go tshelwang ka teng gompieno ke tsone di tsayang karolo ya go betla botsogo jwa batho.
A re go tlhoka go ja sentle le go bereka, go gogela batho ba nne le mmele o mokima, a tlatsa ka gore malwetse a mangwe jaaka tlhogo e e opetseng ruri ditlhabi tsa mokwatla le bolwetse jwa pelo fa gongwe di bakiwa ke maikutlo a a kwa tlase a a sa tseweng tsia.
Rre Motlogelwa o ne gape a ba rotloetsa go tshelela mo selekanyong sa bone, ba seka ba tshwantshanya matshelo a bone le a ba bangwe a tlatsa ka gore ba senke bokgoni jwa bone, a re motho fa a dira sengwe a bo a se kgona go mo fa boitumelo.
O ne gape a ba rotloetsa go bala, go reetsa, go batlisisa a re go fa motho nonofo le kitso.
O bile a ba kgothatsa go tsamaya le batho ba ba nang le boleng, a re motho o kalwa ka batho ba a tsamayang le bone.
O tsweletse ka go ba gakolola gore ba ithute ka diphoso tsa bone ,a re motho ga a na taolo mo go tse di mo diragaletseng tse di fetileng .A re ba bope bokamoso jwa bone a tlatsa ka gore ba ka kgona fela fa ba tlhwaafalela thuto ya bone.
Mongwe wa barutabalekane ba Moepo wa Orapa Rre Babatshi Tjikwakwa o ne a ba tlhalosetsa fa puisano e le botlhokwa fa gare ga batho ba ba tshelang mmogo jaaka batsadi le bana, banyalani le baratani.
A re le fa batho ba itse ka puisano ga ba tlhaloganye gore tota e e siameng ke e e ntseng jang a tlatsa ka gore puisano e tshwanetse go nna le boammaaruri,go buleganelana , go tshephana batsadi ba buisana le bana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo,baratani le banyalani ba tshwanetse go buisanya gore ba tle ba dire dilo ka nako e e siameng.
Rre Tjikwakwa a re go tlhoka go buisanya ke gone go bakang malwetse a tlhaloganyo e e sa iketlang, mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS, dintwa le ditlhalano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Moletlo wa botsogo
Date : 07 Jun 2015






