IEC e kopa megopolo
07 Jun 2015
Lephata le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le kopile makhanselara a Palapye go le thusa ka megopolo mabapi le go sekaseka mafelo a ikwadiso le matlhophelo
Mogolwane wa ofisi e e tlhophisang mo Palapye, Rre Molatlhegi Baloi a re ofisi ya gagwe e sekaseka mafelo mangwe a botlhophelo go bona gore a ka tokafadiwa kana a sutisiwa jang.
O ne a kopa phuthego ya khansele go thusa mo tirong e ka megopolo ka e le bone ba nang le seabe se segolo mo dikgaolwaneng tsa bone tsa botlhophi gape ba na le kitso e ntsi ka dikgaolo tsa bone.
O ne a bua gape a re molao o o tsamaisang ditlhopho o neela mokwaledi wa ditlhopho tetla ya go sekaseka gore a melelwane ya mafelo a matlhophelo e siame mme fela melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e ka seke e fetolwe fa e se fela palamente e ka ntsha taolo ya gore go nne jaalo.
O ne a kopa gore megopolo e e ntshiwang e dirwe ka mekwalo mme e romelwe kwa ofising ya IEC. A re megopolo eo e tlaa amogelwa go fitlhela letsatsi la bofelo la kgwedi ya Lwetse gore ofisi ya gagwe e tle e nne le nako ya go sekaseka mafelo a teng.
O ne a tswelela a bua ka gore tiriso ya ditante mo matlhophelong e siilwe ke nako ka jalo fa go na le dikago dingwe mo dikgaolong tsa ditlhopho di dirisiwe mo boemong jwa ditante.
Makhanselara a dikgaolo tse di farologanyeng a ne a dumalana le gore ditante di siilwe ke nako gape di na le dikgwetlho jaaka go tlhoka ditlamelo gaufi le tsone, letlhoko la metsi le motlakase gape di tshabelelwa ke go wa fa go le diphefo le dipula mme di tlhoke batho ba ba ka nnang ba di tlhoma.
Ba ne ba tshwaela gape gore tiriso ya ditante e na le ditshenyegelo tse dintsi fa di isiwa kwa matlhophelong di bo di tsewa. Bontsi bo ne jwa tsibogela seemo se.
Mokhanselara wa Lerala Bophirima Rre Gabagopole Sebele o ne a ntsha mogopolo wa gore ene le ba kgaolo ya gagwe ba tlaa tsibogela seemo se kago aga maobo a dikgotlana gore ka nako ya ditlhopho a dirisiwe e le mafelo a botlhophi.
O ne a re ba tlaa rulaganya go buisana le lekalana la IEC gore ba kopanele ditshenyegelo tsa kago mme ba bo ba dirisa Ipelegeng go aga.
Mokhanselara wa Khurumela Rre George Makhura o ne a ntsha mogopolo wa gore go dirisiwe dikharavene. O ne gape a ntsha matshwenyego a gore matlhophelo mangwe a bapile mo dikgaolong dingwe tsa botlhophelo.
Mokhanselara wa Serorome botlhaba RreTebogo Apei ene o ne a tlhalosa fa matlhophelo a a beewang mo dikerekeng a le dingalo ka gore batlhophi bangwe ba gana go tsena mo dikerekeng mme ba ye go batla matlhophelo a ditante.
O ne a tlhalosa fa a itemogetse seemo se ka matlhophelo mangwe a mabedi a a neng a beilwe mo dikerekeng mo kgaolong ya gagwe. Fa a ntsha la gagwe, Mokhanselara Raboloko o ne a re batho ba tlwaetse go tlhophelwa mo ditaenteng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 07 Jun 2015






