Ba lela ka koparase ya metsi
04 Jun 2015
Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba lela ka koparase ya metse ya Water Utilities Cooperation (WUC) ba re ga ba kgotsofalele ditirelo tsa bone tsa go siela metse ya bone metsi.
Makhanselara ba ntshitse selelo se sa bone kwa tshimolodisong ya Khansele potlana ya Boteti kwa Letlhakane ka Mosupologo. Ba re koparase e ga e na therisano le setshaba ka jaana le fa go sena metsi kana go na le mathata mangwe a a amanang le metse ba sa begele setshaba.
Ba ne gape ba supa fa ba ngongoregela tiego ya go gokelela batho metsi mo malwapeng mo bareng bangwe ba na le dingwaga di le dintsi ba kopile go gokelelwa metsi le gompieno ba eme fela.
Ba supile fa gape ba tshwengwa ke seemo sa go senyega ga diponpo tsa metsi tse di mo mokgwatlheng mme ba tsaya sebaka go di baakanya.bare dipompo tse ga di a agelelwa mo go dirang gore diphologolo di di robe.
Makhanselara ba re ba tshwengwa ke tlhaelo ya metsi mo bangawe ba bone ba reng kwa metseng ya bone ba kgona go tlhoka metsi selekanyo sa beke ka na go feta, mme morafe o sa rerisiwa gore mathata keng.Ba re fa gongwe le fa ba gelelelwa ka dikoloi ga go dirwe ka fatshwanelong ka jaana batho ba ba kgakala le ditanka tsa metsi basa kgone go bona metsi.
Ba ne gape ba supa fa koparase ya metsi e palelwa ke go baakanya diphaephe tsa metsi ba tlhalosa fa metsi a dutla gongwe le gongwe e bile go tsaya lebaka go sa baakangwe.
Ba supile fa ba tshwengwa ke kgang ya gore batho ba ditsha tse disha go bo gotwe ga ba mo moalong wa go gokelelwe metsi, go lo mo ba reng go kgoreletsa batho go aga ditsha tsa bone.
Mokhanselara wa kgaolo ya Xhumo/Mmadikola Rre Elijah Motsamai a re ba batla gore ba bontshiwe mananeo a a dirwang mo kgaolong e seng go a bolelelwa ka molomo fela. Rre Motsamai a re go sale go gokelwa dipompo tsa metsi kwa kgotleng ya Sekgopane metsi ga a goroge .
Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane bophirima Mme Thato Modirwagale o supile fa madi a kgogo ya metsi a a leswe a P1500 go leturu e bile go kokonela banni ba kgaolo ya Boteti.
A botsa gore madi a teng a duelo jang.O tsweletse a re banni ba kgotla ya Phrase 2 Extension ga ba na metse a re ba gelela metsi kgakala ,a ba kopela gore ba tsenyediwe ponpo gaufi.
Mokhanselara wa kgaolo ya Metsiaela Rre Boitshwarelo Mopedi e ne o ne a supa fa madi a go gokela metsi a P2000 a le mantsi ,a tlhalosa fa e se motswana mongwe le mongwe yo ka a kgonang.
Rre Mopedi a re banni mangwe ba kgaolo ya gagwe ke ba ba senang dijarata ka jalo ga ba kgone go direlwa ditshitswana tse di rekang metsi.
E rile a ba kgwa dikgaba Mogolwane wa Koporase ya Metsi WUC Rre Enocent Lenard a kopa Makhanselara gore ba dirisane le ene ,a re o lemogile gore tota ba ntse ba sa dire sentle ka gore tiro ya bone ya go tsaya metsi mo motseng ga e a ka ya nna motlhofo ba ne ba kopana le dikgwetlo.
Rre Lenard a re kgang ya dipompo tsa mekgwatlheng ba file morafe boikarabelo jwa go di tlhokomela gore ba lemoge gore ke tsa bone.
Ka kgang ya dituelo tsa go gokela metsi a re puso e ntshitse bontlha bongwe jwa madi go tlhogofaletsa setshaba .Mo kgannyeng ya tiego ya go gokela metsi mo malwapeng o supile fa mo nakong eno mochine o o epang o le kwa Rakops go dira tiro ya go na jalo a re o tla tsamaya le metse e mengwe.
O bile a ba tlhalosetsa fa a le mo thulaganyong ya go tsamaya le metse ya kgaolo ya Boteti a tshwara diphuthego.Mo kgannyeng ya Sekgophane o ne a solofetsa fa a tla e sala morago.
O ne gape a re tlhwatlhwa tsa kgogo ya metsi a leswe di ko godimo ka lebaka la gore ga ba na matlamo a ba tshela mo go o ne ba isa kwa Serowe kana Francitown. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 04 Jun 2015






