Breaking News

Bakgatla ba batla matimela a isiwa kwa temo-thuong

04 Jun 2015

E re ka jaana puso e ikaeletse go tsisa diphetogo dingwe go tokafatsa molao wa matimela, Batswana ba tsweletse ka go supa dipharologanyo tsa go amogela le go baakanya diphetogo tseo.

E rile fa Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi ka Laboraro, Bakgatla ba supile fa go ka nna botoka gore matimela a isiwe kwa lephateng la matlhoko a leruo ka ba ka thusa barui go le bona ka bonako.

Ba supile fa lephata la matlhoko a leruo e le lone le ka tsamaisang kgang ya matimela botoka go gaisa khansele ka jalo ba kopa puso go fudusetsa matimela kwa lephateng la temo-thuo.

Rre Kabelo Moremi a re boitseanape jwa leruo bo kwa lephateng la temo-thuo ka jalo a kopa gore matimela a isiwe kwa lephateng leo ka ba na le maina a barui botlhe le megala ya bone go ba tshwara fa leruo le le kwa go bone.

O ne a supa gape gore ene o dumela gore fa kgomo e na le tshipi ya mong wa yone ga go kake gatwe ke letimela ka jaana ene o a bo a e batla ko ntlheng e nngwe mme go ka batliwa mong wa yone a e begelwa.

Rre Moremi a re mo go fetoleng lebaka la dikgwedi tse thataro go ya go tse tharo matimela a le mo sakeng la matimela, o ne a kopa gore go name go engwe pele ka go fetola lebaka leo ka jaana ba ka tloga ba humanega ba le bantsi dikgomo tsa bone di ile ba santse ba di batla.

Rre Shadrack Tlhaolang ene a re o kopa gore matimela a hudusediwe kwa lephateng la matlhoko a leruo ka ba itse sengwe le sengwe ka leruo bogolo jang modimo wa nko e e metsi.

E re ntswa bontsi jwa bone ba ne ba ganana le gore dikgwedi di fokodiwe go tswa go kgwedi tse thataro go ya go tse tharo, Rre Bogosi Tladi e ene a re o bona fa kgwedi tse tharo di siame ka jaana matimela a gasiwa mo seromamoweng.

A re gape fa matimela a ile kwa lephateng la matlhoko a leruo go ka nna bofefo go bona leruo ka gore ba na le maina a bone le megala ya bone mme ba ka ba tshwara go ba itsise ka matimela.

Rre Tladi o ne a supa fa puso e ne e ka fokotsa tiro e ntsi ka gore go ne go ya go tlhofofala mme e bile puso e ne e ka duedisa ba e ba leleditseng ka jaana ya bo e ba thusitse fela thata.

Morwarraagwe e bong Pheto Tladi o ne a supa fa ene a sa dumele gore go na le kgomo e go ka tweng ke letimela ka jaana e na le tshipi mme a ganana le kgang ya go fokotsa lebaka la dikgwedi tsa leruo le le nnang ko lesakeng la matimela.

E rile go le pele fa Mothusa tona a ba baya kgang pele a supa fa ba na le dikakanyo tsa go fokotsa malatsi a go bega matimela go tswa kwa go malatsi a 30 go ya ko go 14 (section 6) le gore morago ga malatsi a matlhano ramatimela a bo a di tshwaile ka tshipi ya kgaolo eo.

Mma Tshireletso a re o ne gape a bolelela morafe gore molao wa gompieno wa re mong wa seruiwa ga a kake a e tsaya morago ga kgwedi tse thataro e le mo sakeng la matimela mme kakanyetso gompieno ke gore mong wa seruiwa ga e kake a e tsaya morago ga nako ya 1630 hours mo maitseboweng letsatsi pele ga thekiso ya seruiwa seo.

O ne gape a ba raya a re go le pele mong wa seruiwa fa a sa se tseye pele ga kgwedi tse thataro di wela, ba lephata la matimela ba tla rekisa seruiwa seo mme jaanong kakanyo ke go fokotsa lebaka leo go ya kwa kgweding tse tharo fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Jun 2015