Kgokelo ya metsi a simolotse kwa Boteti
04 Jun 2015
Mogolwane wa Water Utilities Corporation (WUC), Rre Innocent Leonard, o tlhaloseditse makhanselara ka mananeo a kgokelo ya metsi kwa dikgaolong dingwe tsa Boteti ga mmogo le tokafatso ya maranyane a metsi kwa Letlhakane.
Mogolwane wa WUC o tlhalositse jalo kwa tshimolodisong ya khuduthamaga ya bobedi ya khansele potlana ya Boteti bosheng.
Rre Leonard o ne a supa fa lenaneo la Boteti bokone, le le akaretsang metse e supa le go agiwa ga mafelo a phepafatso metsi a le mabedi kwa Motopi le le lengwe kwa Phuduhudu, le simolotswe. O ne a tlatsa ka gore mafelo a a tlhatswang metsi a Motopi ke one a tla a bong a isa metsi kwa metseng eo yotlhe.
O tsweletse are mafelo a a tlhatswang metsi a magologolo a Moreomaoto Makalamabedi a tla baakangwa. Rre Leonard o ne a tlhalosa fa la Moreomaoto lone le tla godisiwa, mme tanka e kgologolo ee beelang metsi e emisediwe ka e kgolwane.
O sedimoseditse khuduthamaga gore mafelo a a beelang metsi a Mareomaoto le Makalamabedi a weditswe e bile a le mo tirisong fa a Motopi a sa ntse a dirwa. O tlhalositse fa lenaneo le le solofetswe go wediwa kgwedi ya Hirikgong e fela ka ngwaga wa 2016.
Rre Leonard o boletse fa mananeo a Boteti Legare le Boteti Borwa a saletse ko morago ka ngwaga. O tladitse ka go tlhalosa fa la borwa le akaretsa metse e ferabobedi mme ba emetse madi go le simolola.
O itsisitse makhanselara fa lenaneo la go atlolosa maranyane mo Letlhakane le filwe madi mo lenaneong la ditlhabololo la setshaba, National Development Plan (NDP11).
Mogolwane o mongwe wa WUC, Mme Tebogo Matswelenyane, o ne a supa fa ditlhwatlhwa tsa metsi di okeditswe.
A re seelo sa metsi ke P20 fa madi a go gokela metsi fa motho a ikepela mosele e le P1 500. A re fa go epa WUC tefo ke P2 000 dimithara di le masome a matlhano (50m) go ya ko tlase.
A re fa di feta 50m, go duelwa P27 mithara mongwe le mongwe. Mme Motsilenyane o ne gape a tlhalosa fa ditshipi tse di rekang metsi di fiwa batho ba ba senang dipompo mo malwapeng a tlatsa ka gore motho o direlwa ya ntlha mahala mme fa e latlhegile kgotsa e senyegile, o lopiwa madi go e emisetsa.
O bile a supa gore ba dirisana le dibanka le poso gore setshaba se kgone go duela metsi bonolo. O tladitse ka gore WUC e simolodisitse lenaneo la go romela molaetsa wa dikoloto ka megala ya letheka, ka jalo a re ba rotloetsa batho go tla kwa go bone go baakanya dinomoro tsa bone tsa poso le megala.
Makhanselara ba supile fa ba batla go bontshiwa mananeo a a dirwang mo kgaolong gore ba tle ba tlhalosetse banni ba dikgaolo tsa bone sentle. Ba ne gape ba re nako e tsile ya gore koporase ya metsi ya WUC e simolodise lenaneo la go reka metsi ka dikarata jaaka go dirwa ka motlakase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 04 Jun 2015






