Kgotlhego ya lefatshe e a tshwenya
04 Jun 2015
Makhanselera a kgaolo potlana ya Palapye a supile matshwenyego ka kgothego ya lefatshe, morago ga go begelwa kgang ya teng ke ba mmadikole tsa borenyene mono Palapye ba Botswana International University of Science and Technology (BIUST).
Morago ga ditsheka tsheko le moalo o o dirilweng kwa Palapye le mafelo a a motikologong jaaka Lecheng, Malaka le a mangwe, go supegile fa kgothego ya lefatshe mo kgaolong ya legare e le e kwa godimo fela thata mo go tshwentseng ba mmadikole ba baneng batsaya matsapa ago dira dithothomiso tsedi tseneletseng gotla ka tlharabololo.
Ene yare baipega gotswa kwa mmadikole BIUST, Moithuti yoo o dirang ka tsa lebopo le tikologo mo lekalaneng latsa borenyane Mme Margret Kgomo ana le morutuntshi wa gagwe Prof
Felicia Akinyemi bane batlhalosetsa khansele potlana ka kgotlhego ya lefatshe.
Fa ba ala kgang ya bone bane ba supa fa ba bone gole molemo gotla go kopanela kgang le boemedi ja setshaba sa kgaolo potlana ya Palapye gore botlhe banne le seabe le gotla ka megopolo le maano a se seka dirwang le gone gotsibosa morafe o ba o emetseng ka dikgang e ya kgotlhego ya lefatshe.
Moithuti Mme Kgomo one a tlhalosetsa makhanselera fa ditsheka tsheko disupile fa kgothego ya lefatshe e bakiwa ke kafa le dirisiwang ka teng, mo phulong, go bapalwa ga ditsa naga, gorengwa ga ditlhare, go gogolwa ga mmu o o nonneng ke pula mo go felelang go katela matamo gammogo le tiriso ya metsi a a leswe a a nwang ke diphologolo gape a dirisiwa mo gotsa kago.
Mme Kgomo one are tse tsotlhe dithokana le gotsibogelwa gore dilwantshiwe go fokotsa kgothego ya lefatshe, ka ele lone fela go lebeletsweng mo golone mo tirisong tse difarologaneng.
Fa balatlhela la bone makhanslera bane ba lebogela therisano eo bare e maleba ka ele bone ba kopanang le morafe nako le nako, mme ba supa fa batlaa ema ba BUIST nokeng go buwa le setshaba se ba se emetseng ka kgang ya kgothego ya lefatshe le gore batle ka ditsela tse ba baonang dika dirisiwa go e fokotsa.
Mokhanselera wa Lerala Bophirima Rre Gabagopole Sebele one are gothokega gore dikgang tse tsa kgothego ya lefatshe ditsibogelwe, khansele etle ka melawana e e ka itebaganyang le kgang e segolo jaang ke e supile e ama thata dikgaolo tsa tswapong tse ditshakatsheko di dirilweng mo go tsone.
One are dikgaolo tsa tswapong ke dingwe tsa dikgaolo tse metsi a itaolang fela ka badikaganyeditswe ke mantswe, ka nako tsa dipula metsi a gologa ka bokete a ralala motse mme a gogole mme ke sone se metsee ya bone eleng motlhaba o montsi.
Rre Sebele one gape are metsi a a leswe a tlhoka go laolwa le go somarelwa , ka a busediwa gape mo tirisong jaaka ele one a a nosetsang masingwana le ditlhare tsa maungo.
Mokhnaselera wa Lecheng Charles Mabjeng ene one are gonna teng ga BUIST mo kgaolong ya Palapye jaanong gotwa maduo, ka go supafala ga jaano ba atumelana thata le bogogi ja metse, a supa fa dithothomiso tse di dirilweng kwa kgaolong ya gagwe disologetse batho ba kgaolo molemo ka batlhatlhabetswe mmu mahala..
Bontsi ja makhanselera bone ja supa kamogelo le kemo nokeng ya kgang e ba ebeilweng pele, le gore baya go tseya ka seemo se se etshwanetseng go buwa le batlhophi ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 04 Jun 2015






