Poso e kopiwa go tokafatsa ditirelo
04 Jun 2015
Khansele potlana ya Palapye e kopile bodiredi jwa poso go tokafatsa maduo le ditirelo tsa yone.
Kopo eo dirilwe mo phutlhegong e etsweletseng ya khansele. Mookamedi wa poso mo kgaolong ya legare, Mme Tebogo Kowa, o ne a tlholosetsa makhanselera ka ditirelo tsa poso tse di ntseng di le teng le diphetogo tse disha ga mmogo le mathata a ba nang nao.
O ne a tlhalosa ka lenaneo le lesha la go a mogedisa bogodi ka karata ya poso. Are bane ba fetogela tiriso ya dibukana tsa poso ka Moranang mono ngwaga ele ntlha nngwe ya go tokafatsa ditirelo tsa bone.
Are fa go tshwantshwangwa le di bukana, karata ya poso e tsaya nako e le mo tirisong gape e fokotsa tatlhegelo ya madi a bagolo bogolojang ka ntlha ya borukutlhi ebile e ka dirisiwa go tsaya madi mo posong nngwe le nngwe.
Are karata ya poso e ka baya madi ka selekanyo sa kgwedi tse thataro mogolo a ntse a sa a tseye pele ga a ka busediwa kwa letloleng, mme mogolo a patelesega go ka kwala mekwalo go kopa madi ateng.
Mme Kowa onme are bam o thulaganyong ya go tokafatsa karata ya poso gore e thuse bagolo go ka duele metsi le motlakase le go ka kgona go reka mo mabentleleng ka yone.
Fa a ntsha matshwenyego a ba nang le one ka karata ya bone, Mme Kowa are gone go nale mathata a boitseanape ka karata ya poso jo bo neng bo kgoreletsa bagodi go thusiwa ka tlhomamo jaaka; mochini oo rurigatsang menwana o sa kgone go bala menwana ya batho bangwe, karata e tlhoka madi, maina a batho ba ba amogelelang bagolo madi a bogodi a seyo mo dipanpiring tsa kamogediso le mosuke ko mafelong a go a mogelelwang teng.
Mme Kowa are ba kgonne go tlokafatsa borenyene gore karata ya poso e kgone go dira ka thelelo e sena sepe sekgoreletsi. O solofeditse fa di phetlogo dingwe di ka diragala mo tsamong ya nako.
O tlhalositse gape ka lenaneo le le tlokafaditsweng la go romela madi. A re madi jaanong a kgona go romelwa ko pososong , mme yo o a rometsweng oka tsaya ko posong nngwe lenngwe ka nomoro e e enetsewng key o o moromeletseng madi.
Makhanselara a ne a lebogela pego eo mme basupa fa madi a aneelwang diposotse di mo dikgaolong ale mannye, a sa kgone go duela bagodi botlhe, Bene bare Palapye o godilee o tlhokana le poso ya boraro go fokodiwe mosuke kwa diposong tse pedi tse di teng
Mokhanselera wa lerala Bophirima Gabagopole Sebele, mongwe wa makhanselara one a gakolola gore fa poso e ntse e fetogela kwa go diriseng dikhumputara, ditirelo tsa bogologolo tsa tiriso ya mekwalo di seka tsa lntshiwa mo tirisong gore fa dikhumputara di sa bereke sentle, batho ba kgone go tswelela ba bona dithuso kwa diposong.
Mokhanselara Mphoentle Kabelo wa Mphula ene o gokolotse gore poso e leke go dirisa di ATM go fefosa dithusa kwa diposong le go fokotsa mosuke are gape dika bewa le mo marekisetsong.
Baile gape bare bodiredi bo a tlhaela a sengwe se dirwe go tokafatsa bodiredi. Makhanselera bane bare batla diposo tse dipotlana (Postal Agency) kwa metsing ya bone.
Mme Kowa o ne a tlhalosa fa ba itse ka seemo sa thaelo tsa matlo a boiteketso, a tlhalosa fa mo metseng e emngwe bane ba belegwa ke ba dikomiti tsa ditlhabolo tsa metse ka go aga matlwana ao kwa diposong.
Ditirelo tsa poso di dirwa bonya ke ditiro tse dintsi tse poso e di dirang jaanong jaaka go duelela maphata a mangwe babereki.
Mme Kowa one a tlhalosa fa go dirwa ditsheka tsheko, le palo ya batho e tshwanelwa ke go feta makgolo a matlhano, le gone gore mabokoso a poso ale masome matlhano a lopa P50 000.
Ka jalo ba kgone go isa matlole fela kwa diposng tse dipotlana fa baikopedi ba tshwara lekgolo.
One a gakolola gore metse e e tlhoka ditirelo tsa poso, e ka ikopanya komiti ya ditlhabololo tsa motse go ka sekazsdeka lefelo le b aka aging mo go lone poso e potlanao, gape ke bone ba e iphirele modiredi wa poso mme poso yone e ka thusa ka go rutuntsha motho yoo go be go isiwa mananeo a poso gone ko motseng oo.
O tlhalositse gape gore ba leka ka bojotlhe gore ba thuse yone metse eo ka go ba fokoletsa ditlhwatlhwa mo ditirelong tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 04 Jun 2015






