Breaking News

Ba kgotlhaditswe go tsays boikarabelo ka botsogo

03 Jun 2015

Baithuti le babereki ba sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Boteti Brigade ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo jwa botshelo le botsogo jwa bone.

Kgothatso e e dirilwe ke morutabana wa sekole se segolwane sa Orapa, Rre Brets Motlogelwa, kwa moletlong wa botsogo wa sekole seo bosheng. A re go tlhoka go ja sentle le tlhaloganyo ee sa iketlang ke dingwe tsa dilo tse di rotloetsang malwetse aa a sa alafesegeng jaaka madi a matona, sukiri le a mangwe.

Rre Motlogelwa a re boitshwaro, boleng le mekgwa ya batho le ka fa ba tshelang ka teng gompieno ke tsone di tsayang karolo ya go betla botsogo.

A re go tlhoka go ja sentle le go bereka, go ka gogela gore rbatho ba nne le mmele o motona, atla tsa ka gore malwetse a mangwe jaaka tlhogo ee opetseng ruri ditlhabi tsa mokwatla le bolwetse jwa pelo fa gongwe di bakiwa ke maikutlo aa kwa tlase a a sa tsewa tsie.

Rre Motlogelwa o ne gape a ba rotloetsa go tshelela mo selekanyo sa bone, ba seka ba tshwantshanya matshelo a bone le a ba bangwe atla tsa ka gore ba senke bokgoni jwa bone ,a re motho fa dira sengwe a bo a sekgona go mo fa boitumelo.

O ne gape a ba rotloetsa go bala ,go reetsa,go batlisisa a re go fa motho nonofo le kitso.o bile a ba kgotlhatsa go tsamaya le batho ba ba nang le boleng ,a re motho o kalwa ka batho ba a tsamayang le bone.

O tsweletse ka go ba gakolola gore ba ithute ka diphoso tsa bone ,a re motho ga ana taolo mo tse di mo diragaletseng tse di fitileng .A re ba bope bokamoso jwa bone a tlatsa ka gore ba ka kgona fela fa ba tlhwaafalela thuto ya bone.

Mongwe wa baruta balekane ba Moepo wa Orapa Rre Babatshi Tjikwakwa o ne a ba tlhalosetsa fa puisano e le botlhokwa fagare ga batho ba ba tshelang mmogo jaaka batsadi le bana ,banyalani le baratani.

A re le fa batho ba itse ka puisano ga ba tlhaloganye gore tota e e siameng ke e e ntseng jang a tlatsa ka gore puisano e tshwanetse gona le boamaaruri,go buleganelana ,go tshepana batsadi ba buisana le bana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo,baratani le banyalani ba tshwanetse go buisa gore batle ba dire dilo ka nako ee siameng.

Rre Tjikwakwa a re go tlhoka go buisa ke gone go bakang malwetse a tlhaloganyo ee sa iketlang , mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS, dintwa, ditlhalano.

E rile a fa malebo kgosi ya kgotla ya Metsiaela Rre Alfred Petelelo a re o solofela gore dithuto tse di tla aga mo go bone ba bo ba didirisa go fetola batshelo a bone .

O ne a ba rotloetsa go siela kwa modimong a re ke e ne tlharabololo ya mathata.

Kgosi Petelelo a re go mo maruding a bone go itlhokomela gore ba ne basha ka nako tsotlhe. A re go nna le bakapelo ba bantsi go ile magoletsa mo go dirang gore maiteko a dithuto tse a seka a na le mosola .

Modiri wa tebelopele Rre Sana Tshireletso o ne a ba rotloetsa go tlhatlhobela morage wa HIV a re go tlhokwa go itse seemo gore o tlhe o fiwe kalafi nako e santse ele teng .

Rre tshireletso o supile fa ba rotloetsa batho go itlhatlhoba le bakapelo ba bone le go ba gakolola go ririsa dikausu ka nakotsotlhe.Borre ba ne ba rotloediwa go tsenelela lenaneo la loaro le le babalesegileng la go kgaola letlalo la bonna. Ends

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Moletlo

Date : 03 Jun 2015