Breaking News

Bulang dipolokelo tsa dibanka

03 Jun 2015

Mogololwane wa polokelo madi a mmuso kwa Mahalapye, Mme Mariah Molefe, o kopile makhanselara a kgaolo potlana ya Mahalapye go rotloetsa banni ba dikgaolwana tsa bone go bula dipolokelo tsa dibanka.

Mme Molefe o buile se, fa a ne a buisa makhanselara a kgaolo potlana ya Mahalapye mo phuthegong e e tsweletseng mo Mahalapye bosheng.

O ne a tlhalosa gore go botlhokwa fela thata gore banni ba bule dipolokelo ka jaanong puso e simolodistse lenaneo la go duela batho madi e ba tsenyetsa mo dibankeng la GABS.

A re lenaneo le le diretswe gore jaanong batho ba tsile go amogela madi a bone mo phefong mme ka jalo go mosola fela thata gore banni ba bo ba nale dipolokelo tsa dibanka. Mme Molefe a re se se tsile go dira tiro motlhofo fela thata ka jaana le batho b aba neng ba kwalelwa dicheke go tsile go nna motlhofo gore ba bone madi a bone.

A re selo se, gape se tsile go fokotsa le one mosuke mo di ofising tsa bone ka jaana batho ba tlaa bo ba ya fela kwa dibankeng go ya go tseya madi a bone.

A re botlhe go simolola fela ka molemi wa terekere, batsadi b aba Amogelang madi a tlhokomelo ya bana, babereki ba ipelegeng botlhe fela ba gakololwe go bula dipolokelo.

O ne a tlhalosa gore ka lenaneo le gape go tsile go fokotsa le bone bogodu ka jaanong ba tlaa bob a tsamaya bas a tshole madi mo dibekeng, atlatsa ka gore neelano e yam o phefong e tsile go dira motlhofo fela thata.

Mme Molefe a re neelano e ya maranyane e bonako fela thata e bile motho o kgona go bona madi a gagwe gongwe le gongwe kwa a leng teng.

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore e re le ntswa lenaneo le le motlhofo e bile le fefosa ditirelo, mathata a ba kopanang le one ke go kgaoga ga motlakase le go tlhoka network gantsi.

A re maranyane fa gongwe ga a tshepagala ka jalo nako tse dingwe network e a tlhokafala e bo batho ba sa bone dituelo tsa bone ka nako mme e bile se gape se die le tsone ditirelo.

E rile ba mo kgwa dikgaba, mokhanselara wa Sefhare Rre Mothusi Sedimo a tlhalosa fa batho ba kgaolo ya gagwe bas a duelwe sentle fa e sale lenaneo le simologa ntateng ya go tlhoka network kana gotwe madi a fedile.

Rre Sedimo a re ene o itemogetse fa lenaneo le le bonya fela thata mme a kopa puso go tlhabolola maranyane a lenaneo o gore batho ba seka ba emela dituelo lebaka le le leele.

Rre Mogakolodi Bagwasi wa kgotla ya Dilaene ene o ne a re lenaneo le ka tswa le siame mathata ke go tlhoka network mo jaanong bas a itseng gore b aka raya banni ba reng ka ba bona dituelo morago ga lobaka.

Mokhanselara Gabautwe Maboka wa Chadibe ene o ne a re mathata a ba kopanang le one ke gore fa e sale lenaneo le le simololwa banni ba kgaolo ya gagwe ba bona dituelo morago ga lebaka le leeele bogolo jang ba lenaneo la LIMID.

Rre Maboka a re mathata ke gore madi a kgobokantswe golo go le gongwe fela fa ba dikgaolo tsa bone ba tshwanetse go duelwa gatwe a fedile selo se a re puso e tshwanetse go ela se tlhoko.

O ne a tlhalosa gore jaanong le bone ga bas a na tshepo mo lenaneong le ka jaana banni ba leba bone.

Mo go tse dingwe makhanselara ba ne ba atla mogopolo wag a Mme Molefe wa go gakolola banni go ka bula dipolokelo tsa dibanka go inaakanya le ditlhabololo tse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 03 Jun 2015