Morafe wa Kokong o amogela kgosi
03 Jun 2015
Kgosi-kgolo ya Barolong, Kgosi Letlaamoreng II a re tiro ya bogosi ke go tshwaraganya le go atisa tlotlano mo morafeng.
Kgosi Lotlaamoreng o buile se kwa Kokong mo kgaolong ya Borwa fa a tlhoma Kgosi Kemolatoletswe Moalafi II go nna kgosi ya motse oo bosheng . O ne a tlhalosa gape fa maemo a bogosi a raya gore o tsile go kopana le batho ba bantsi ka jalo gole botlhokwa go tsaya batho botlhe ka tekatekanyo.
Kgosi Lotlaamoreng o ne gape a gakolola Kemolatoletswe go dirisa bodiredi jwa kgotla go tsweledisa dithulaganyo tsa morafe, mme ka jalo a tshwanetse a ela tlhoko gore bodiredi ga se bone bo mo tseelang ditshwetso.
O ne a bolela gape gole botlhokwa gore kgosi a itse molao gore a tle a tsamaise dikgang tsotlhe tse di tlang ko lekgotleng a tsipame.
A re Rre Moalafi o tshwanetse go netefatsa gore dikgang tsotlhe tse a amanang le tsone di tla mo kgotleng pele eseng go di utlwalela mo ditseleng ka di ka baka mathata.
E rile a rolela ngwana bogosi, Rraagwe Kgosi Kemolatoletswe, Kgosi Moalafi I a re a bolela fa Rre Moalafi II a tsile go tsweledisa mosepele o a saleng a o simolotsele.
A re bokoa le bogodi di iteleketse ke sone se a neelang ngwana setilo.vare ene o tla tswelela ka go naya bogakolodi fela jaaka moagi mongwe le mongwe wa kokong.
E rile a tswa la gagwe kgosana yo o sekisang, Rre Kemolatoletswe Moalafi II a bolela fa letsatsi leo le se kitla le lebalesega mo morafeng wa kokong.
Rre Moalafi o ne a bolela fa maikaelelo magolo a gagwe ele go bopaganya morafe segolo jang go atamalanya bora lekgotla ba dikgotlana popagano tse di bopang motse wa kokong.
O boletse gape fa ele keletso ya gawe go simolodisa dikgafela morago ga thobo ngwe le ngwe.
O ne a leboga morafe wa kokong le batsadi jwa gagwe go bob a nnile le tshepo mo e ne, mme o ne a ba solofetsa gore o tlaa nna motlhanka le modisa wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keabetswe Gobatlwamang
Location : JWANENG
Event : Go tlhomiwa ga kgosi
Date : 03 Jun 2015






