Puso e baakanya molao wa matimela
03 Jun 2015
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans van Der Westhuisen, a re lephata leo le mo thulaganyong ya go baakanya melao ya matimela e a supileng fa e imela dikhansele.
Fa a buisa banni ba Bobonong beke e e fitileng, Rre Westhuisen a re se se dirwa ka gore barui ba itlhokomolositse leruo la bone mo ba le tlogelang le gobeya gongwe le gongwe.
Rre Westhuisen yo gape e leng mopalamente wa Kgalagadi borwa o supile fa khansele e dirisa madi a mantsi mo leruong le e le tshegeditseng.
A re kakanyetso diphetogo ya lephata la gagwe ke gore matimela a begiwe mo malatsing a le lesome le bone go tswa kwa go a masome a mararo jaaka e le tlwaelo mme e bile a dirise malatsi a le lesome e bone go tsaya leruo la go nna jalo.
Mo malatsing a le matlhano leruo la go nna jalo le tshwanetse la bewa tshipi ya matimela le letsatsi le le tshegeditsweng ka lone. A re mo nakong ya gompieno matimela a ka tswewa mo lesakeng la khansele go fitlhela letsatsi la thekiso mme phetogo e nne gore ka letsatsi la thekiso go se leruo lepe le ka tsewang.
Khansele o supile fa e ntse e tshegetsa leruo dikgwedi di le thataro, mme ba batla go fokotsa go ya kgweding tse tharo. Modiri wa matimela le ene o tla neilwa dithata tsa go bolya leruo le le lwalang mme a tshwaraganetse tiro eo le modiri wa matlhoko a leruo.
Rre Westhuisen o kopile banni go tlhokomela leruo la bone gore le seke la gobeya gongwe le gongwe. O ile a kopa ba ba filweng mananeo gore ba a dirise sentle gore a ba ntshe mo lehumeng a a kopa gore le fa motse wa Bobonong o le motse wa ditlogamano, dikopo tsa batho tsa dikgwebo ga di a tshwanela go dieega.
Fa ba tswa la bone banni ba banni ba re matimela a tshwanetse go isiwa kwa lephateng la themo thuo ka ke lone le itseng ka leruo e bile ba itse gore ditshipi ke tsa bo mang.
Mothusa tona o ile a buisa badiredi ba khansele kwa a tlhaloseditsweng ka letlhoko la boroko le tlhaelo ya dikoloi.
Bodiredi bo supile fa bo tshwengwa ke gore bangwe ga ba a bolo go berekela ruri mo kgaolong ya Bobirwa se ka tsela ngwe se dira gore ban ne boitseme mo tirong. Rre Westhuisen o ile gape a lekola ditsela tsa motse wa Bobonong tse di dirwang ke kompone ya Zac Construction tse di solofetsweng go lwela ka ngwaga wa 2016. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Phuthego
Date : 03 Jun 2015






