Rotloetsang bana go tsaya thuto tsia
02 Jun 2015
Batsadi ba Maanege ba rotloeditswe go kgothatsa bana go tsena sekolo sentle.
Mafoko ao a builwe ke mokhanselara wa Mantshwabisi, Rre Meshack Tshenyego, mo phuthegong e a neng a e buisa kwa Maanege bosheng.
O supile fa bogogi jwa sekolo se segolwane sa Dithejwane le se se botlana sa Thebephatshwa ba sa itumelele bana ba ba tlogelang sekolo ka bokete ba motsana wa Maanege. O kaile fa bana ba tshwanetse go gakololwa go tsaya thuto tsia ka thuto mo Botswana e sa duelelwe.
O ne gape a kopa gore komiti ya ditlhabololo e seka ya thapa bana ba ba tshabang sekolo ba bo ba emela go hirwa mo Ipelegeng.
Mokhanselara Tshenyego o kaile fa a lemogile fa bana ba ba tsenang kwa dikoleng tse dikgolwane ba Maanege ba tlogela dikole ntswa ba thusiwa ke khansele.O supile fa seo se busetsa puso morago mo maitekong a go gatela pele go ya tebelopeleng ya setshaba ya ngwaga wa 2016 ya setshaba se se rutegileng, se se itseng.
O ne a supa fa thuto e le botlhokwa mo nakong ya segompieno ka ditiro tsotlhe di tlhokana le dithuto tse di rileng. O ne gape a kopa gore bana ba direlwe dikarata tsa matsalo le bo omang ka nako. O ne a ngongoregela gobo go na le batho ba ba tlodilweng ke dingwaga ba sena bo omang.
O kaile fa omang a le botlhokwa ka a dirisiwa go akola ditlamelo tsa botsogo,thuto le one mananeo a ga goromente tota. Fa ba a kgwa mokhanselara dikgaba Mme Tlhanyegang Thukwi o dumalane le mafoko a mokhanselara gore bana ba ba tlogelang sekolo ba se hirwe go bereka mo Ipelegeng.
O ne gape a lela ka letlhoko la metsi a kopa gore ba gokelelwe metsi. Mongwe wa banni Rre Bakang Pelekekae o ne a kopa gore ba Poso ba kopiwe go amogedisetsa bagodi madi mo Maanege ka kwa Molepolole go le kgakala ebile batsadi bangwe ba sa kgone go tsamaya sekgala se se leele go emela dipalamo tsa setshaba go ya Molepolole.
O ne gape a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa rotloetseng bana go tsena sekole. O supile fa batsadi bangwe ba itlhokomolositse thuto ya bana ka ba sa kgalemele bana fa ba tlogela sekole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 02 Jun 2015






