Breaking News

Sekole sa Dithejwane se tshegeditse ngwao

02 Jun 2015

Batsadi le barutabana kwa sekolong se segolwane sa Dithejwane kwa Molepolole ba akgoletswe go bo ba tseetse kwa godimo go ruta bana ngwao ya Setswana le go bona ka matlho.

Mogolwane wa thuto wa pele yo a tlogetseng tiro ka bogodi Rre Tiroentle Pheto yo a neng ale sebui sa tlotla kwa pulong semmuso ya ntlo ya Setswana kwa sekolong sa Dithejwane a re o lebogela gobo batsadi le barutabana kwa sekolong seo ba setse morago kitso ya tlholego le go tlotlomatsa ngwao mo go tla solegelang bana molemo mo dithutong tsa bone tse di akaretsang ngwao .

Rre Pheto a re setlhogo sa letsatsi leo se sereng ngwao yame ,boipelo jwame,setla dira gore baithuti banne le kitso e tseneletseng le go bua puo ya bone ba gololesegile .

A re olebogela gape gore dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo jaaka setlhowa,pinagare , thitelo le kgobati e bofang bojang le tse dingwe ele dilo tse bana ba ka ithutabg ka tsone, a ba are dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo di fokoditse ditshenyegelo tsa go reka kwa mabenkeleng.

Mongwe wa barutabana kwa sekolong seo Mme Ontiretse Kgosintwa are ba sale bannile le toro ya go aga ntlo eo ka ngwaga wa 2010 mme banna le dikgwetlho tse dineng tsa paladisa toro ya bone jaaka letlhoko la madi le go sa ithaopeng ga batsadi .

Are maikaelelo a go dira ntlo eo ke go somarela ngwao le go ruta bana ka dilo dingwe tsa Setswana bogolo jang ka bane ba lemoga fa baithuti basa dire sentle mo dithutong tsa bone tsa Setswana.

Mme Kgosintwa o bile a tlhalosa gape fa ntlo eo e tla dira gole gontsi ka bane ba lemoga fa bana ba latlhegelwa ke motlhala puo le goitse ngwao.

Letsatsi leo lene la natefisiwa ka mmino wa setswana le maboko, fa bomme ba matsosa ngwao bone bane ba supa tsamaiso ya patlo e dirwang ke bomme. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : Molepolole

Event : Pulo ya ntlo ya Setswana

Date : 02 Jun 2015