Mahupu sejo segolo sa Kgalagadi
02 Jun 2015
Mahupu ke mofuta mongwe wa leungo la naga o o tlhogang fa tlase ga mmu ka paka ya mariga.
Ka paka ya mariga, o ka tima morafe wa Kgalagadi Borwa sengwe le sengwe, mme eseng mahupu ka e le letapole la bone le ba le ratang lebaibai.
Ka paka ya mariga, gongwe le gongwe fa o fetang teng mo Kgalagadi o tla utlwa setlhogo sa dikgang sa banni ba kgaolo e ke mahupu, kana xhaba jaaka morafe wa wa Bakgothu ba a bitsa.
E ne ya re lekoko la BOPA le etetse kwa Makopong la utlwa setlhogo se se pharologano, la utlwa mo lelwapeng la go rra Batane dikgang ele ka ditlhogo tsa bana, mme a tsitsibana mmele a ipotsa gore a magatwe a gore batho ba olela ditlhogo tsa batho mo ditsidifatsing go dira dipheko ke boammaruri.
Le fa go ne go boifisa, ba ne ba gatelelapelo ba okomela ka bogodu go tsaya dinopolo, mme ba seka ba bona ditlhogo tsa bana tse go neng go buiwa ka tsone ka kgang tota e ne e le mahupu a matona, a tshwanelwa tota ke go bidiwa ditlhogo tsa bana.
Mahupu a a ne a apeilwe ke setswerere, mo eleng gore mmega dikgang o ne kgaritlha mahupu a a neng a tsholetswe a tlala ka sejana ka ponyo ya leitlho.
Fa a ntse a tlhasetswe a jewa mahupu, a ila gotwe go nale mosepele wa go ya go hula mahupu kwa nageng, ya re koloi e e isang mahupu e ema a seka a akanya gabedi Johannah ke fa a setse a itatlhetse mo go yone a batla go ya go itseela ka tlhamalalo ka tlholego ya mahupu le gore a hulwa jang.
Mo loetong lwa go ya go hula mahupu re ne re ra lala kwa morakeng o o dikhilometara di lesome le boraro go tswa mo Makopong.
Ka go ne go nale baithuti ba ntlha go ya go hula mahupu,e ne ya re makuku fa re fitlhola ka logala le mashi a lobese mme Chumankane Bote o eleng mogaka wa go hula mahupu o ne a tlhagisa baithuti gore ba seka ba ja mpa kgora,a re ke moila go ya mahupung ba kgotse mahupu a tla ba gana.
Moila o mongwe o a neng a ba itsise ke gore fa o setse o gorogile kwa nageng ga o bitse mahupu ka leina o tshwanetse gore masasau eseng jalo o a kobela kwa teng kwa tlase ga mmu,mo pelong ke fa ke re ijoo a meila e eketeng ya botsetse jwa bogologolo.
Bote o ne gape a ba tlhalosetsa gore lehupu o le bona jang, a supa fa mmu o a bo o phatlogile mme go bidiwa kgabo.
Mo thutong e ya mahupu setswerere sa go hula mahupu o ne a tlhalosetsa baithuti gore ba nne kelotlhoko gore tlhaga ya bojang e ntsi e nale bodiphatsa ka dinoga di ka iphitla mo go yone.O ne gape a ba tlhagisa gore gago gogelwe mo motsoko fa tlhageng ya bojang go hema go tshaba naga.
Fela jaaka letsomo le boimana di itana ka noga e tshelang,le mahupu le boimana ga di utlwane,go ya ka mme Makapu Gaseumakwe ke moila gore mme yo o itsholofetseng ga a tshwanela go ya mahupung go dumelwa gore o tla mahupu mme a boele kwa tlase ga mmu.
Mosepele o ne wa bolotswa mo mosong le ise le tlhabe ra feta meraka e le mmalwa mme ra goroga kwa paneng e e neng e ka tswa e le dikhilometara tse di masome a mararo go tswa kwa Makopong.
Fa a emisa koloi mokgweetsi wa yone rre Tafie Batane o ne a rte tlhalosetsa fa a eme mo paneng ka mahupu a bonala sentle mo paneng gape ebile go babalesegile bojang ga bo a kitlana thata.Rre Batane o ne a tswelela a kaya fa nako ya mo mosong le ya maitseboa e le yone e e siametseng go hula mahupu ka a tswa sentle fa go le tsiditshana.
Erile ba bona dikgabo tsa ntlha tse di neng di bapile baitsanape ba mahupu bo rre batane ba ne ba bitsa ba ba ithutang go hula,go ba supegetsa gore kgabo e ntse jang,ba bo ba tlhalosa gore fela jaaka batho le diphologolo mahupu le one a kgona go nna mawelana a bapa kana a nna mantsinyana mo kgabong e le esi.
Godimo ga moo ba ne ba tlhalosa gore kgabo e kgona go nna mo sebatleng kana e iphitla fa tlase ga bojang le maretlwa.
Le fa go ntse jalo ba ne ba supa fa mmu o kgona go phatlolwa ke go gata ga dikgomo fa di fula ba re go kgona go tlisa tsietsego motho a ipolaise go epa lefela mme legale go batla o le kelotlhoko ka go nale pharologano kgabo ya mahupu e tutulogile e nnetse fa godimonyana.
Go ne ga inamiwa ga epiwa, batho ba ba itseng go hula mahupu ba tlatsa dikgetsi tse di tona,owaii rona baithuti re ne re epa metlhala ya dikgomo legale sengwenyana sone re ne ra se bona,ke fa re kgaosediwa ke go gotela ga letsatsi ka mme Bote o ne a tlhalositse fa mahupu a tshaba mogote are fa go gotela a tsena fa tlase ga mmu a iphitla.
Sengwe se ke neng ka se ithuta ke gore mahupu ga a ratwe ke batho fela mme le diphuti di a rata bobe,se ke se lemogilwe fa ke sela masalela a mahupu a tala mme fa ke botsa mongwe wa baitsanape Mme Makapu Gaseumakwe o ne a ntlhalosetsa fa ele mahupu a a jelweng ke diphuti a re di rata mahupu.
O ne a tlaleletsa a re fa bo phuti ba jeleng teng ke khoo ya mahupu,teng foo mahupu a mantsi,a tlhalosa fa mahupu a leng mantsi teng go bidiwa khoo.
Maitseboa re ne ra wela gape mo paneng go tsweledisa phulo ya mahupu, se sebaka e ne ele se segolo mo go rona baithuti ka bontsi jwa rona bo ne bo kgona go tsamaya bo iname fela jaaka baitsanape,mme legale go epa go ne go dira dinala botlhoko,pente e ntlenyane ya dinala e phimoga bokgarebe bo fela.
Se se ne sa ntemotsha gore mahupu a tshwana ke mofuta mongwe wa teemane e e jewang fela jaaka teemane ga a bonwe bonwe fela a bo a tladiwa ka dikgetsi ka ponyo ya leitlho, go a theogelwa ebile go batla o le pelotelele le boitshoko gore o a bone.
Le fa baithuti ba ne ba iteka ba bona bontsinyana,bangwe ba ba neng ba ikgatolositse meila ya mahupu e ba neng ba e filwe ba ne ba utlwa wa manong molao,ba fetoga go nna ka ka ba ne ba boa fela ka dikgetsi di mennwe.
Morago ga go hula mahupu e ne ya seka ya nna phelelo ya letsatsi jaaka ke ne ke akantse gore tiro ya letsatsi e wetse.
Dithuto ka ga mahupu di ne tsa tswelela rre Batane a tlhalosa mefuta ya mahupu a re go nale bo tsaje,matlhatsa,le mahupu a nonofileng.
O ne a supegetsa baithuti botsaje a bo a tlhalosa fa mofuta o wa mahupu e le a a magologolo a a nnile sebaka se se fetileng fa tlase ga mmu.
Matlhatsa,Batane o kaile fa e le mahupu a a iseng a butswe sentle,mme a tlhalosa fa mahupu a nonofileng e le a go butswa a wetse sentle ,a kaya fa monate wa o tsamaya kwa pele.
Mogaka yo wa go hula mahupu o ne a ruta baithuti ka mefuta ya kapei ya mahupu,e e akaretsa go a besa fa tlase ga thura ya molelo,a re fa besiwa a gamoga a bo a nna monate.
Mofuta o mongwe wa kapei o rre Batane a o umakileng ke go apaya mahupu a bidisiwa mo metsing gore a phaphale. A re mahupu a monate monate a lokilwe ka letswainyana,a re ke nama e feletse.
Batane o ne a ntsha tlhagiso ya gore mahupu ga a jewe a le tala,go sa neng jalo o ka a ila ka a kgwisa fa a jewa fa a jewa a le tala,gape a re mahupu ga a jewe a le molelo a ka go ferosa sebete.
Go somarela mahupu gore a seka a senyega,rre Batane a re a ka apewa a bo a bo a anegiwa a tsidifala a bo a tsenngwa mo setsifatsing,a ka omosiwa fa a jewa.Fa go senasetsifatsi Batane a re o ka epela mahupu a tala fa tlase ga mmu a re a nna lobaka a sa senyege.
Kgeleke e ya mahupu o supile fa mahupu a senyega motlhofo fa a le tala a le mo kgetsing a re a bo a hupetsana.
Rre Batane o kaile fa lorato lwa mahupu mo bathong lo gololela pele,a supa fa le ba ba tswang kwa dikgaolong tse di farologaneng ba ba etelang Kgalagadi borwa ba rata fela thata,a re le kwa dioteleng mahupu a rekesiwa ebile a apewa ka mefuta ya setswana e e tlwaelesegileng le ka mokgwa wa sekgoanyane,a re ba tle ba rekisetse diotele kwa Gaborone mme theko e nne ya maemo a ntlha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : Makopong
Event : Potsolotso
Date : 02 Jun 2015






