Breaking News

Lemang mabele

01 Jun 2015

Balemi ba Kgaolo ya Borwa ba kgothaditswe go lema mabele ka bontsi. Go buile jalo Mmabalemisi wa kgaolo eo Mme Sentleeng Maoto kwa moletlong wa go ipelela thobo kwa masimong a Mmalore gaufi le Mmathethe mo bosheng.

Are go lema mabele ka bontsi go ka thusa go laola ditlhwatlhwa tsa bopi jwa mabele mo mabentleleng ka jaana a tlaa bo a sa tlhokwe. Ebile o tlhalositse fa mabele a kgona go itshwarelela ka dipatsa di tshwana le gompieno tsa leuba gonale dipeo tse dingwe.

Mme Maoto o tlhalositse fa bangwe balemi ba supa fa ba tshaba diji tsa mabele di tshwana le dinonyane mme a gatelela gore fa ba lemile mabele ka dipalo tse dintsi mo thoteng, tshenyo ya dinonyane ga e kake ya nna kalokalo ka jaana di tlaa bo di aname le kgaolo.

O supile fa mmaraka wa mabele o santse o le boruma a ba a ba fa maele a gore molemi o ka itshwaraganya le bagwebi ba tshwana le Choppies a ba lemela mabele bone ba dirisa leina la bone go a bapatsa.

Mme Maoto gape are ba ka itshwaraganya le bagwebi ba ditshilo gore ba kgone go reka mabele mo go bone selo se a reng se ka ba direla mmaraka.Are go a swabisa gore lefatshe leno le bo le santse le reka dijo di tshwana le mabele kwa mafatsheng a sele lemororo puso e ntshitse mananeo a go thusa balemi jaaka la ISPAAD.

Gape o supile fa lephata la Temothuo le ipeetse seelo sa go ntsha selekanyo sa bone sa mabele mo lekgolong lengwe le lengwe(4%) mono ngwaga. Ebile o akgoletse balemi bao go bo ba sa ipona tsapa lentswa pula ene ele boutsana.

O tlhalositse fa mofuta wa mabele wa Sephala o kgona go ntsha ditone di le tharo kgotsa dikgetsi di le 60 ka ekere fa go lemilwe sentle ka ditselana.

Mo go tse dingwe Mme Maoto o kopile balemi go kwala ditshenyegelo le dipoelo tsa bone gore ba kgone go bona gore a ba gatela pele le gore lenaneo la ISPAAD le tsweletse jang.

Erile a ntsha la gagwe modulasetilo wa komiti ya balemi ba Mmalore Rre Koketso Kamodi a tlhalosa fa ba dikile ba sa ipona tsapa le fa ngwaga on oose monamagadi.

Mme one a ntsha matshwenyego a gore go tlhoka ditsela tse di bulegileng go ya kwa masimong.Are didirisiwa dingwe tsa boranyane ga di kgone go goroga kwa masimo kantlha ya ditsela tse di sa siamang.

Rre Kamodi one a supa gape fa dibanka di le maoto a tshupa go thusa balemi ba ba botlana gonale ba bagolwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : Mmalore

Event : Ipelelo thobo

Date : 01 Jun 2015