Beng-gae ba gakatsa mathata
01 Jun 2015
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, a re e re le ntswa go na le matshwenyego a a diragalelang banni ba metse e e bapileng le molelwane, bontsi jwa one a gakadiwa ke banni ka sebele.
Fa a bua mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Moroka ka Labotlhano (Motsheganong 29), Rre Kgathi a re Batswana bangwe ke bone ba neelang batswakwa boroko, kana ba ba hirisetsa matlo ga mmogo le go ba neela ditiro.
A re mo mabakeng a mangwe, Batswana ba reka dithoto tse di sa letlelelweng tse batswakwa ba tsenang mo lefatsheng leno ka tsone ntswa ba itse fa ba sa tsena mo lefatsheng leno ka fa molaong.
Tona Kgathi a re puso e boloditse lekoko la matona a puso a le matlhano, mme ene o patilwe ke Tona wa tsa Temo-Thuo Rre Patrick Ralotsia le Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele go lekola boleng ja molelwane wa Botswana le go utlwa matshwenyego le go kopa megopolo go bona gore seemo se se ba lebaneng se ka rarabololwa jang.
O ne a ikuela mo banning ba motse wa Moroka le metse e mengwe e e mabapi, ba ba neng ba tsene phuthego gore ba tswe ka tharabololo ya matshwenyego a, ka puso yone e setse e dirile maiteko a yone ka go isa mapodisi, masole ga mmogo le ba taolo malwetse le matlhoko a leruo go baya leitlho molelwane.
Tona Rre Ralotsia ene a re sa ntlha, banni ba ba gaufi le molelwane mo Botswana ba tshwanetse ba tlhaloganya fa kwa lefatsheng la Zimbabwe gaufi le molelwane wa Botswana, go supilwe fa e le kgaolo e e borai e e nang le bolwetse ja tlhako le molomo.
A re ka ntlha ya seo, go tshwanetse ga dirwa maiteko otlhe go leka go hema gore bolwetse bo tlolele mo lefatsheng leno.
Rre Ralotsia o ne a supa fa go tlhokega gore banni ba fetole ka fa ba lebang ka teng kgang ya go tshela mmogo le batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong.
A re go supagetse fa terata ya molelwane e kgaolwa ke batho e seng leruo, mme e re morago diruiwa di felele di tlolela ka kwa Zimbabwe.
O ne a itela mo go bone gore ba tlhokomele leruo la bone le go itse gore le kae ka dinako tsotlhe mme o ne gape a ba gakolola fa dijalo le maungo mangwe a na le bolwetse, ka jalo a ilediwa go tlodisediwa mo lefatsheng la Botswana.
Modulasetilo wa komiti ya balemi barui kwa Matsiloje, Rre Simon Lephato a re maiteko a ba a dirileng go lwantsha seemo sa borukuthi ja molelwane e nnile go tlhoma komiti e e akaretsang borara ja motse, badirelapuso le boemedi go tsweng kwa Zimbabwe le banni ba motse, maikaelelo e le go tla ka megopolo go ka laola seemo.
A re komiti ya bone e e kopana kgwedi le kgwedi mme ba ise pego kwa kgosing ya motse wa bone.
Rre Samson Dubani, wa motse wa Mbalambi o ne a kopa gore go agiwe kampa ya sepodise sa SSG mo motseng wa bone ka mabaka a gore kampa tse go ka tweng di gaufi ke tse di kwa metseng ya Goshwe le Zwenshambe.
A re go sekgala se seleele se se bakang tiego le fa ba ka begelwa ditiragalo mme ba fitlhele fa gongwe badira-molato ba setse ba iphaloditse.
Rre Dubani, yo o supileng fa matshwenyego a matona e le leruo la bone le le tlolelang kwa Zimbabwe, o ne a kopa gore bogolo puso e dire kwarantine e go ka tshegediwang leruo teng fa le ne le tloletse ka kwa lefatsheng le le mabapi.
A re se se ka dirwang ke gore fa leruo le beilwe foo, le bo le ka sekasekwa go tlhola gore a le amilwe ke bolwetse ja tlhako le molomo, mme fa go lemotshega fa le siame le busediwe beng ba lone go na le gore seruiwa sengwe le sengwe se se tlodileng molelwane se bolawe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratagaone Madome
Location : Moroka
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Jun 2015






